Wahlberg's Velvet Gecko

© Tyrone Ping

Leina

Wahlberg's Velvet Gecko [Homopholis wahlbergii]

Distatistiki tsa Botlhokwa

Mophato: Reptilia
Tlhomagano: Squamata
Lelapa: Gekkonidae
Botelele (Namagadi): 90 - 110 mm
Botelele (Tona): 90 - 110 mm

Ponalo

Mokgantitswane wa Wahlberg's velvet gecko o mogolo. Mokwatla o mosetlha le borokwa. ka di-ccrossbar tsa bontsho ka ditsubaba. Molomo ga o na lebanta le lentsho. Mpa ya yone e botshetlha (cream) mme e ka nna le ditsubaba.

Phatlhalatso

Mokgantitswane wa Wahlberg's velvet gecko o bonwa kwa Zimbabwe le kwa borwa ba Mozambique, kgabagare mme go fitlha gaufi le Zululand, Kwa Northern Province le Botlhaba ba Botswana.

Tsalo

E beela mae a mabedi a magolo, a lekhapha le le thata, mo diphatlheng tsa mafika le ka fa tlase ga magong.

Dijo

Ditshenekegi tse dikgolwana, jaaka ditsie, mafele, mme di ka ja le makeke le diboko (millipedes).

Di-Field Notes

Balepi b phologotswana e ba lemogile gore segagabi se sa bosigo eleng Wahlberg's velvet gecko e nna mo mafelong a a farologaneng, go tloga kwa matshitshing go fitlha kwa sekgweng sa ditlhaga, mm e kile ya bonwa e tsaya botshabelo mo marulelong a a farologaneng, ka fa tlase ga mafika, le mo ditlhageng.