Vlei Orchid

Leina

Vlei Orchid

Leina la se Latini

Eulophia angolensis

Ponalo

Vlei Orchid e, e ntle thata mme e ka gola botelele ba 2 m fa e thuntse. E na le matlhare a mannye a a matsutsuba mme a somogang kwa tlase gaufi le lefatshe. Dthunya tsa vlei orchid di nkga monate mme di tla ka mmala wa lephutshe. ‘Calyx’ ya yone e botelele ba 20 mm, se golela kwa godimo mme diphethale tsa sone diphuthegelela kwa pele, ka engwe e le mo godimo ga engwe. Sejalo se se thunya kwa tshimologong ya Sedimonthole – Tlhakole.

Bonno

Vlei Orchid e gola ka bontsi gotlhelele, kgabagare ya Afrika mo mafelong a mogete a a nang le dipula tse dintsi. Le mono Afrika Borwa.

Di-Field Notes

Vlei Orchid e bonwa gantsi mo mafelong a nang le dithetse (marshes) [vleis], mafelo a bojang jo bo bongola, le fa thoko ga dinoka.