Turtles

© Roger de la Harpe

Leina la Mophato

Sea turtles

Tse Dingwe tsa Lelapa

Green turtle, Hawksbill turtle, Loggerhead turtle, Leatherback turtle, Olive Ridley turtle

Leina la Maranyane

Chelonioidea

Ponalo

Green turtle: Mmele o na le diplata di le nne tsa sekgapha sa yone mo mmeleng. Diplata tsa yone ga di patagane (overlap). Nko e khutshwane mme nko ga e na sebopego sa huku. E na le phethene mo sekgapheng o kare e fisitswe ke letsatsi. E ka nna 1,5m.
Hawksbill turtle: E na le para tse pedi tsa makwapa kwa magareng a matlho a yone. Nko e botelele, mme e bonala e bopegile jaaka huku. Sekgapa sa yone se na ke diketlo tse di sa lekalekaneng (serrated edges) E na le phethene e e ‘Flecked” kwa godimo ga sone. E ka nna 1m.
Leatherback turtle: Leatherback turtles ke ya bone mo palong ya digagabi tse ditona mme e mo kotsing ya go nyelela mo lefatsheng. Sekgapa sa tsone se segolo, se borethe mme se aparetswe ke letlalo le le ntsho. E na le di-ridges tse supa kwa godimo. Ga e na dinala tsa mo mabogong (No claw on flipper). E na le maoto a matelele. E ka nna 2,5m.
Loggerhead turtle: Tlhogo e kgolo ee bonalang. Sekgapha se na le diplata tsa dipara tse tlhano tse dikopanang kwa magareng. Sekgapha se mmala wa boshibidu. E na le para tse pedi tsa dinala mo mabogong. E ka nna 1,2m.

Dikitsiso

Lelapa-kgolo la Chelonioidea le na le malapa a le 5 mme tse tharo tsa malapa a di setse di nyeletse mo lefatsheng. Dikhadubane tsotlhe di hema mowa wa lefatshe. Di thuma ka maitsetseleko. Di ka ikhutsa kgotsa go robala mo metsing di ura dile mmalwa. Di na le serwe sa letswai mo tlhogong gore e kgone go ntsha letswai le e le bonang mo dijong tsa yone ka sone. E ka phela sebaka sa dingwaga dile 80.
Thobalano e direga kwa lewatleng mme mae a beelwa mo lefatsheng kwa matshitshing. E ka beela mae a ka nna 200 ka nako. E ka beela makgetlo a le 1-8 ka paka (season). Bong ba tse ditsalwang le bakiwa ke mofuthu wa santa ya sentlhaga sa tsone. Bana ba ipusetsa kwa lewatleng fa ba sena go tsalwa. 0.2% ke palo ya mmotlana o o tshelang go bona botshelo jwa bogodi.

Dijo

E fepa mo metsing a boteng ba 50m. Omnivorous mme e ja nama le merogo, di-sponges tse di farologaneng, cnidarians, molluscs, crustaceans, algae, dijalo, le tlhapi. Bontsi ba di-sea turtles di rata Jellyfish (cnidarians). Gantsi di ka ja di-Plastic bags di ithaya gore ke jellyfish, mme seo se a di bolaya.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng otlhe a lefatshe kwa ntle ga lewatle la Arctic ocean.

Common Species

Green turtle - Chelonia mydas
Hawksbill turtle - Eretmochelys imbricata
Leatherback turtle - Dermochelys coriacea
Loggerhead turtle - Caretta caretta