Tshupô ya Phokoje ya Mokwatla-Montsho

©Shem Compion
Go laola tlhaselo-ruo ka botswerere, phologolo e e bakang tshenyô e tlhoka go supwa ka nepagalo. Matshwao a molongô, kgobalo ya marapo, mekgwa ya phepô, metlhala le manathwana a boboa, tsotlhe tseno di tshwanetse go ka akanyetswa fa go supiwa sesenyi.

Phokoje ya Mokwatla-montsho

©Roger de la Harpe
Phokoje ya mokwatla-montsho e lebega jaaka ntša. E na le sale e e dipatso tse di bosweu jo bo fifetseng mo mokwatleng, mogatla o montsho le ditsebe tse di kgolo di le dinthana tse di khibitswana fa morago. Di gola go fitlha kwa boteleleng kwa 115 cm, mme diphologolo tse di godileng di bokete jwa magareng ga 7 le 10 kg.
Metlhala ya tsona e tshwana le ya ntša, e sebopego sa lee mme e bontsha matshwao a manala, mme boleele jwa motlhala bo feta bophara jwa ona.
Ke diphologolo tsa bosigo tse, goya ka setlha, di ka dirang ka bonosi kgotsa jaaka karolo ya lolapa. Sesupo sa ntlha sa gore di mo seêmông sa tsadiso ke go oketsega ga go bôkôlêla go tloga ka Motsheganong kgotsa Seetebosigo, di bôkôlêla go le go nnye fela fa di simolola tsadiso, gore di se neelane ka lefelo la mengôbô ya tsona. Go bokolela ga ka mo mesong le phirimane go ka tswa go le gaufi le mafelo-borobalo a tsona, fela go bokolela ka dinako tse dingwe tsotlhe go ka nna gongwe le gongwe mo kgaolong e di tsomelang mo go yona, kgotsa mo letlhakoreng la legae-bodulo la tsona.
Ka paka ya tsadiso, di tlile go nna bofufa go feta ka felo-bodulo jwa tsona, mme gape di ka koba diphokojane gotswa kwa dipakeng tsa tsadiso tse di fetileng. Dinamagadi di dusa malatsi a ka nna 63, mme di belege go simolola ka Phatwe go fitlha ka Lwetse.
Diphokojane di belegelwa mo mengôbông e e lefifi ya ka fa tlase ga lefatshe. Namagadi e tlile go dula le diphojane mo dibekeng tsa ntlha di le tharo kgotsa fao, mme ka motsi oo tona e tshwanetse go ka kokoanya dijo le go di tlisa fa mongôbông. Nako dingwe phokoje e nnye gotswa setlheng se se fetileng e tlile go dira jaaka mothusi mme le yona e tlise dijo.
Diphokojana di iswa kwa mongôbông o montšhwa ka nako e di leng bogolo jwa dibeke di ka nna nne. Diphokojana di tlile go dula gaufi le mongôbô go fitlha di gola mo di siametseng go ka tsoma le bagolo ka boFerikgong, Tlhakole. Diphokojane tsa mokwatla-montsho di tlabe di godile mo go lekaneng go ka tsoma di le esi ka Mopitlwe, Moranang. Morago ga fao di tlile go dula gaufi le legae legolo, di dirisa fela matsatsa fa di tlhoka go tshaba.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Karl Svendsen
Diphokoje tsa mokwatla-montsho gantsi di tabogisa setsongwa mme di se lome mo letlhakoreng la tlhogo. Go ka nna le matshwao a meno a a bonalang fa gare ga tsebe le leitlho la phologolo, kgotsa tsebe ya setsongwa e ka gagoga. Matshwao a go longwa a ka nna teng fa lemoragong la maoto kgotsa mo theleng.
Di na le go tsaya phologolo ele esi mo polaông, mme ditsongwa di farologana gotswa go dikonyana goya go dinku tse di bokoa tse kgolo le dikgomo le dinamane tota. Phokoje e ka tlhasela kgomo e e patlameng fa fatshe go tsala, mme e simolole go ja namane fa e tlhagelela kgotsa e je thele ya kgomo le matlhakore a a ka fa gare a maoto a kwa morago.
Mokgwa wa phepô ke go simolola go ja fa karolong e e fa gare ga serope le mpa kgotsa fa mpeng, mme go tlogelwe manathwana a nama a a epolotsweng gotswa fa tlase. Di tlile go ntsha mateng le mala gotswa mo mmeleng mme di je dikarolwana tse di boleta tsa ka fa gare jaaka pelo, sebete le diphilo. Dintlhana tsa marapo a kgopo le tsona di ka tlhafunwa. Ka kakaretso ga di sutise setoto gotswa fa se bolaetsweng teng.

Taolô

©Shem Compion
Taolô e tshwanetse go totana le phologolo e e bakang tshenyô ka boyona. Legora le le sa senngweng ke phokoje, eleng legora le sefo le le bogodimo jo bo ka nnang 1.2 m ka diphatlhana tsa 74 cm, kgotsa legora la motlakase, dikobi tsa modumo, lesedi le monkgo, diphologolo tsa tiso, badisa le go tlhatlhela diruiwa mo lesakeng bosigo go ka thusa mo thibelông ya ditatlhegelô.
Balemirui ba ba ka ratang go dirisa tsongô ya bosigo kgotsa go tsoma ka dintša go bolaya diphokoje tse di bakang tshenyô ba tshwanelwa ke go ikwadisetsa lekwalotetla gotswa go basomarela-tlhagô ba selegae.

Translated by Nchema Rapoo