Tshupô ya Phokoje ya Kapa

©Shem Compion
Ka boleele jwa bogodi jwa 86 goya go 97 cm le bokete jwa 2,5 kg goya go 4 kg, Phokoje ya Kapa (Vulpus chama), e e itsagaleng gape jaaka Phokoje e e Selefera, ke nngwe ya diphologolo tse di nnye go gaisa tsa sikaloontša mo Afrika Borwa. Ke phologolo e e sireleditsweng semmuso e, goya ka The Red List of Mammals of South Africa, Lesotho and Swaziland, gantsi e dulang kwa nageng e e bulegileng, jaaka sekgwa sa bojang, sekgwa sa bojang se se nang le sesuthu se se phatlhaletseng le dikgaolo tse di nang le bonnye jwa ditlhare, segolo thata kwa dikgaolong tse di omeletseng tsa Karoo, Kgalagadi le matlhakore a Sekaka sa Namib.
Di gatisitswe gape fa di le kwa Kimberley Thorn Bushveld, Eastern Mixed Kama Karoo le Dry Sandy Highveld Grassland, ga mmogo le kwa fynbos biome ya Kapa Bophirima, e e nang le dielô tse di kwa godimo tsa komotiso le dimela tse di kitlaneng. Di efoga dikgaolo tse di tletseng Diphokojwe tsa Mokwatla o Montsho (Canis mesomelas).
Gantsi di tsadisana botshelo jotlhe, mme tona le tshegadi di ipopa ka dipara ka dikgakologo, mme bana ba tsona di tsalwa malatsi ale 52 morago ga fao, go sale gale ka selemo, ka Lwetse goya go Ngwanatsele. Fela di itsagale gape ka go tlhatsa bana ka bothari jo bo jaaka Sedimonthole. Le fa ka tlwaelo di tlhatsa gangwe ka ngwaga, go na le dinako tse mo go tsona go nnileng le ditlhatsô di le pedi ka ngwaga tse di gatisitsweng.
Ditlhatsô gantsi di nna le bana ba le bararo goya go ba le bane, mme ditona di tlamela ditshegadi mo dibekeng tsa ntlha di le pedi morago ga go tsala. Bana ba simolola go fula fa di le dikgwedi di le nne mme di ikemela fa di le bogolo jwa dikgwedi di le tlhano. Di siamela go tsadisana go simolola fa di le bogolo jwa dikgwedi di le robongwe.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Shem Compion
Ka tlwaelô di tsamaya bosigo, fela di diragatsa thata mo diureng tse di rurufetseng tsa motshegare. Goya ka Predation Management Manual, di ka fitlhelwa di tsamaya ka bonosi kgotsa ka dipara, fela di tsoma ka bonosi. Ga di bofufa jalo ka lefelo la tsongô, mme lefelo-tsongô le atologa gotswa go square kilometres di le tharo goya go someamararo.
Ke ka sewelo gore Diphokoje tsa Kapa di bake tatlhegelô ya leruo, ka ge gantsi di tlhasela diphologolo tse di nnye, jaaka ditshenekegi, dinonyane, digagabi, magotlo le ditoto. Fa di tlhasela leruo, e nna gantsi dikonyana tse di satswang go tsalwa tsa bogolo jo bo fitlhang go malatsi ale mane. Ka fa tlase ga mabaka ao, di tlile go bolaya fela ele nosi ka tiragalo nngwe le nngwe, mme gantsi di tlhasela kgokgotso kgotsa tlhogo ya setlhaselwa. Matshwao a mannye a meno a ka tlogelwa mo molaleng, legetleng kgotsa fa godimo ga serope sa setoto, fela ga go kitla go nna le matshwao a mongapô mme setoto se ka se gogwegogwe.
Fa di ja, gantsi di bula phatlhana mo letlhakoreng la phologolo mme di ja fela pelo, mala a mašwi (abomasum), leoto ka kwa morago le le boleta kgotsa kopakopanyo ya tseno tsotlhe. Dintlhana tsa dikgopo nako dingwe di a jewa, fela eseng marapo. Ka metsi e e rileng, fa setlhopha sa diphokoje se ja setoto, marago a tlile go jewa. Diphokoje gantsi di boela kwa sebolaweng sa tsona.
Metlhala e sebopego sa oblong mme e na le matshwao a manala jaaka metlhala ya ntša.

Taolô

©Nigel Dennis
Diphokoje tsa Kapa ka kakaretso ga di bake tshenyô e kgolo mo leruong. Dirisa legora le le sa senngweng ke phokoje (legora la sefo le le bogodimo jo bo ka nnang 1,2 m ka diphatlha tsa 74 mm) kgotsa legora la motlakase, go tlhatlhela diphologolo mo lesakeng bosigo, dikobi tsa modumo, lesedi kgotsa monkgo, badisa le diphologolo tsa tiso, tsotlhe tseno di ka thusa go thibela ditatlhegelô. Tiriso ya dirai tsa hoko tsa thwane ka segogedi e fitlhetswe fa e mokgwa wa tshamagano o o matshetshe mo diphokojeng tsa Kapa.

Translated by Nchema Rapoo