Tshupô ya Lenyibi la Kapa
Lenyibi la Kapa (Aonyx Capensis) le tsaya leina la lona la sekgoa gotswa mo ntlheng ya gore dinao tsa lona tsa kwa pele di diretswe go epa mme ka jalo ga di na manala. Dinao tsa lona tsa kwa morago di na le karolwana tsa menotolotha ka manala ale mararo mo lenaong lengwe le lengwe.
Ke mofuta wa lenyibi o o anameng ka go gaisa mo borweng jwa Afrika, mme le tshela mo dithulaganyong tsa dinoka tsotlhe le mo bontsing jwa melatswana. Metsi a a foreshe ke setlhokwa se se botlhokwa sa bodulo, goya ka A conservation assessment of Aonyx capensis, ga se fela go nwa mme gape ka ntlha ya gore manyibi ga ana boalô jwa ka fa tlase ga letlalo jwa mafura, mme ka jalo a tshwanelwa ke go tsokotsa boboa jwa tsona jo bo kitlaneng go ka laola themphoritšhara ya mmele.
Manyibi a Kapa a tota a le magolo, a ka gola go fitlha boleeleng jwa 2 metres le bokete jwa magareng ga 10 kg le 21 kg. A na le boboa jo bo borokwa jo bo setlhefetseng goya go jo bo fifetseng jo bo lebegang bo le bontsho fa bo le metsi, ka dipounama, seledu, kgokgotso, ditsebe le karolo e e fa godimo ya sehuba tse tshweu ga mmogo le ditedu tse telele tse di tshetlha-tshweu. Megatla ya ona, e e ka fitlhang go boleele jo bo etsang 50 cm, e dirisetswa go a tshegetsa fa a dula ka maoto a kwa morago, le go a fetlha fa a thuma. A ikgara fa a tsamaya mo lefatsheng.
Goya ka Interesting facts about Cape Clawless Otters (Aonys Capensis), ya ga Jared Harding, manyibi ano gantsi ke diphologolo tsa botshelanosi tse di tshelang ka mo karolong ya manyibi ka ditlhopha tsa malapa tse di ka fitlhang go maloko a le matlhano. Lenyibi lengwe le lengwe le na le felogae la lona mme le itshelela le le nosi go fitlha ka setlha sa tsadiso ka Sedimonthole.
Bana ba ba ka nnang nngwe goya go tharo ba tsalwa morago ga dikgwedi di le pedi tsa paka ya go dusa. Bana ba godiswa ke mmaatsona, mme ba dula le ene go fitlha ba siamela go tsadisa fa ba le bogolo jwa ngwaga. Bana ba kgweswa fa ba le bogolo jwa malatsi a ka nna 60.
Mokgwa wa Polaô le Phepô
Manyibi a Kapa a matlhagatlhaga thata ka makuku le phirimane, goya le gore a dula kae. Kwa Drakensberg, ka sekai, a ka bonwa a fula mo gare ga motshegare, mme fela a matlhagatlhaga thata bosigo go efoga kamanô le batho le dintša mo dikgaolong tse di sa sireletswang kwa Peninsula ya Kapa le Gauteng. Go tsoma, fela, go ka dirwa nako nngwe le nngwe ya letsatsi.
Gantsi a itshidisa ka ditsongwa tse di nnye, jaaka ditlhapi, makakauwe, digwagwa kgotsa ditshenekegi, fela a ka nna letshwenyô mo dipolaseng tsa thuonong kgotsa tsa tlhapi kwa gantsi a tlileng go bolaya diphologolo tse di ntsi go feta mo go tlhokwang. Dikonyana le tsona e ka nna batswasetlhabelo ba manyibi a Kapa, mme setsongwa gantsi se a hupelwa morago ga gore nko ya sona e ngathwe. Manyibi a ka ja nko, ditsebe le dipounama tsa konyana a mme nako dingwe le sehuba.
Taolô
Predation Management Manual e gakolola balemirui go thibela ditatlhegelô ka letloa la mogala kwa bogodimong jwa metre, ga mmogo le legora la motlakase le le beilweng 45 cm gotswa fa fatshe. Go tlhatlhela mo lesakeng bosigo, tiriso ya modisa le diphologolo tsa tiso go ka thusa go tshola diphologolo tse di mo kotsing di babalesegile.
Balemirui ba tshwanetse go botsa ka ga lekwalotetla gotswa go bolaodi jo bo maleba fa ba batla go tshwara lenyibi ka serai sa hôkô. Bukana-kaedi e gakolola balemirui go baya kgwele ya tennis mo hôkông go tshola manyibi ale matlhagatlhaga fa a tshwarwa le go a thusa go efoga dikgobalo.
Translated by
Nchema Rapoo