Tshupô ya Dintša tsa Selegae

©Eric Miller
Dintša tsa selegae (Canis familiaris) di ka baka tshenyô e kgolo mo dipolaseng tsa leruo. Batho bangwe ba akanya fa ele fela dintša tse di sasanka di tshwerwe ke tlala tse di bakang tshenyô, fela mo boammaaruring gantsi ke diphologolo tsa lapa, tse nnye le tse kgolo, tse di tsenang mo letsholong la go bolaya. Dintša e ka nna sengwe le sengwe gotswa go pavement special goya go Jack Russel kgotsa Boerboel mme tshenyô gantsi e a etegela fa di dira ka setlhopha.
Dintša di ka tsamaya sekgala sa di-kilometre go tshwara diphologolo le go baka tshenyô. Batho ba le ba ntsi ga se gantsi ba lemoga bosenyi jwa dintša tsa bona. Le tota kwa Cape Town go ntse le dipego ka ga dintša tse di ipopang setlhopha le go baka tshenyô mo Table Mountain fa beng ba tsona ba ile tirong. E tota ele bothata go dipolase tse di gaufi le mafelo a bodulo.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

Dintša ke ditlhasedi tse di kotsi thata. Di gagola le go loma ditsongwa tsa tsona fela fela, ntle le mokgwa o o tsepameng. Gantsi go tlile go nna le metlhala ele mentsi, ka ge dintša di rata go tabogisa le go loma setsongwa sa tsona fa di ntse di taboga fa thoko ga sona. Dikonyana tse nnye gantsi di longwa mo sehubeng, mokwatleng kgotsa tlhogong, fa dikonyana tse kgolwane di longwa gongwe le gongwe mo mmeleng. Melongô gantsi e ka bonwa mo hamstring, tlhogong, ditsebeng, molaleng kgotsa mo ditlhakoreng tsa setsongwa.
Polaô gantsi e tlhamuketse - nako dingwe e phepa jaaka ya setlhasedi sa tlholegô - mme setoto gantsi se gogwagogwa goya godimo le tlase. Tshenyô le yona ka kakaretso e atologile, ka go repetlwa kgotsa go bolawa ga diphologolo di le mmalwa.
Metlhala gantsi e kopakopanngwa le ya lengau, fela karolwana ya kwa morago ya kgatô e tlhoka difôrô tsa sebopego sa W tse eleng tsa lapa la dikatse.
Bontsi jwa nama e e jewang bo a farologana, go tloga ka go jewa go se nene goya go ka bontsi jo bogolo. Phepô gantsi ke gotswa kwa morago, ka manathwana a makima a a kgagamololwang gotswa mo setotong. Marapo a magolo a tlile go tlhafunwa kgotsa go jewa, mme boboa bo ka gasagasana felo gotlhe. Manathwana a magolo a letlalo le ona a ka kgagamololwa gotswa mo setsongweng.

Taolô

©Eric Miller
Legora la motlakase ke sethibedi se se gaisang kgatlhanong le dintša. Fa diphologolo di bewa mo lesakeng kgotsa mo dihôkông, mo lobakeng lwa dikgogo, tlhokomelo e e kgethegileng e tshwanetse go tsewa go netefatsa fa dintša di ka se kgone go tsena ka go tlolela kgotsa go gagabela ka fa tlase ga legora.
Fa bothata bo runya, go botlhale go laletsa Society for the Prevention of Cruelty to Animals (SPCA). Dintša tsa mo polaseng di tshwanetse go tlhatlhelwa bosigo, di fepwe ka tshwanelo mme di se tlogelwe go itsamaela ntle le tlhokomelo, go thibela gore e nne bothata.
Dintša tse di sasankang di ka tshwarwa ka serai sa hôkô. Molemirui o na le tetla ya go thunya ntša mo polaseng ya gagwe go sireletsa leruo la gagwe.

Translated by Nchema Rapoo