Tsadiso ya Dikolobe

©Glenneis Kriel
Thulaganyo ya tlhaolo ya dilwana tsa go tsadisa e ka thusa go godisa motlhape ka, sekai, go oketsa bokana ba dikolojana, go tokafatsa boleng ba nama le dikungo mmogo le furu e e siameng ya diphologolo. Dikolobe tsa ditshadi le dikolobe tsa dipoo tse di tlhophilweng go tokafatsa motlhape motlhape di tshwanetse go nna di itekanetse, di bopegile sentle, mo maemong a a siameng, di sa tsalane mme di le bogolo jo bo siameng.

Boitekanelo

Diphologolo tsa tsadiso di tshwanetse go itekanela. Ka jalo batla ditshupo tsa kgatelelo, bolwetse le ditlhaselo tsa dinwamadi pele o reka kgotsa e tsaya diphologolo tse dintšhwa o di tsenya mo motlhapeng wa gago. Kolobe e e itekanetseng, go ya ka kaedi ya Mokgatlho wa Bantshakuno ba Kolobe wa Aforika Borwa Pigs for profit, e tshwanetse go bo e hema ka tlwaelo mme e se ke ya gotlhola, go ethimola, go hema botlhoko, go rotha kgotsa go tshologa mathe. Di tshwanetse go nna le matlalo a phatsimang, e seng di ingwaya go feta kgotsa di na le diso tse di rileng, bolwetsi ba letlalo, dibata tse di tlogileng mmala, menono kgotsa go tlhoga.
Go botlhokwa go reka leruo kwa batswadising ba tlotlegang, mme fa e le gore o ya go reka kwa fantising netefatsa gore o itse tshimologo ya kolobe mme o dire kopo ya setefikeiti sa boitekanelo sa leruo. Dikolobe tsa dipoo tse di tlhakanetsweng magareng ga balemerui ba b farologaneng ba rwala dikotsi tse di kwa godimo tsa go bona a a tshelanang ka thobalano, le malwetse a mangwe, ka jalo go netefatsa gabedi gore dikolobe tsa dipoo di itekanetse tse di pele ga o di dirisa mo metlhapeng ya gago.
Dikolobe tsa dipoo tse di sa tswang go rekwa kgotsa di tshwanetse go tsholwa di le kwa thoko go tswa mo motlhapeng o otlhe bonnye dibeke di le nne. Ka nako e diphologolo di tshwanetse sekasekelwa malwetse, di alafiwe go thibela dinwamadi go nna dinwamadi tse di tlhagisitsweng mo motlhapeng wa gago le go entwa fa go tlhokega.

Netefatso ya Mmele

©Media 5 Photography on behalf of PIC in South Africa
Dikolobe ga di a tshwanela go nna le makoa a a rileng kgotsa go se tlwaelege. Go ya ka Pigs for Profit, dikolobe tsa ditshadi tse di tlhophelwang tsadiso di tshwanetse go nna le mokokotlo o tiileng le maoto a a tlhamaletseng a a tiileng. Fa e le gore di na le bothata ba go tsamaya, ga di a tshwanela go tlhagisa seša.
Dipoo di tshwanetse go nna le dithala tse di godileng sentle mme di tshwanetse go nna matlhagatlhaga thata mo teng ga tshadi mo mogoteng. Tshadi ye e sa tokafadiwang e tshwanetse go nna le bonnye matsele a lesome a a lekalekaneng sentle ka bonno, mme tshadi e e tokafaditsweng e tshwanetse go nna le bonnye 14. Ditshadi di tshwanetse go nna le mmele o o boteng le phaposi ya dikolojane tse dintsi.

Tsadisopoeletso

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Tsadisopoeletso e dira ke ge diphologolo tse di tsalanang bogaufi, jaaka bommonawe kgotsa batsadi le bana ba tsona, di a kopantshwa le tse dingwe. Ga e oketse fela kotsi ya lotsalo la dijini le le sa siamang le le feteletswang go ya baneng ba tsona, mme gape di na le ditshwaetso tse di sa siamang.
Mokgatlho wa Dijo le Temothuo wa Ditšhaba tse di Kopaneng (FAO) di atlanegisa gore dipoo tsa tswadiso e e phepa le ditshadi di tshwanetse go dirisiwa go gwela, ga di a tshwanela go nna le badimo ba ba tshwanang go ya bonne bane go ya kwa morago kwa kokomaneng. Bantshakuno ka jalo ba tshwanetse go tshola rekoto ya mela ya lelapa mo dipolaseng tsa bona le go tlhokomela go reka fela kgotsa go dirisa dipoo tse di sa tsalanang mo polaseng ya bona.

Maemo a Mmele

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA
Fa o ka kgona go bona marapo ka fa tlase ga letlalo, jaaka nokeng, legetla, dikgopo kgotsa mokokotlo, kolobe e bopame thata. Kolobe e e leng mafura thata a a tla nna le mathata a tsalo mme e ka nna le mathata a dikgatotharabololo le maoto.

Bogolo

Dingwaga tsa diphologolo di tshwanetse go elwa tlhoko, ka ge se se tlaa nna le tshusumetso mo tswalong ye e siameng. Dipoo gantsi di tshwarwa go fitlhela dingwaga di le tharo. Fa ditshadi di a bolawa fa bokana ba dikolojana bo sa tlhole ba tlhoka go buelelwa sholo ya tsona kgotsa fa di supa mathata a tsalo, jaaka go sa nne bollo, go palelwa ke go ima, go ntsha mpa ya dikolojana le ntshodikuno ya dikolojana tse di tsalwang di sule kgotsa tse di tsalwang pele ga nako.

Translated by Lawrence Ndou

Tlhopho ya Letsopa la Kolobe

Fa o simolola polase ya dikolobe, o tlhoka go tlhopha letsopa le le tlileng go tshwanela bokgoni le bolaodi tsa gago. Goya ka Pigs for Profi...more

Matsopa a a Farologaneng a Dikolobe

Ka ge go sena letsopa le le senang selabe, mme letsopa lengwe le lengwe le na le bomolemô le makoa a a itlhaotseng, tlhopho ya letsopa ke b...more

Matsopa a Mangwe a Dikolobe

Kolbroek ke letsopa le le tlholegileng mo Afrika Borwa. Go na le dikakanyô tse di farologaneng ka ga tlholego ya letsopa leno le gore le bo...more