Ntlhakgolo ya phaka ke tlhakano ya dinoka tse pedi ya dinoka tsa Limpopo le Shashe, lefelo leo dinaga tse tharo di tlhakanang gone. Go bona tebo e e molemo, phaka e agile metseletsele ya dipolatefomo tsa logong mo godimo ga mokgokolosa o mo telele eo e lebeletseng mo godimo ga bogodimo jwa merwalela.
Jaaka o eme mo godimo ga thaba, Botswana e ka fa molemeng wa gago mme Zimbabwe e ka fa mojeng wa gago. Lesedi le le sweu le le nnye mo setlhakatlhakeng se se nnye mo bogareng jwa tlhakanelo ya dinoka e e bontshang ntlha ya tota moo dinaga tse tharo di kopanang gona.
Fela go tswa mo bodilong jwa sekepe, mo godimo ga tebego, botlhokwa jwa maemo a melelwane ya dipolotiki tsa naga tseo di sa rulaganywang di bonala di bonala di fokotsega go nna seo e seng sepe. Ke fela mela eo e leng teng mo dimepeng tse di leng teng le mo megopolong ya batho. Go le jalo, se ke tlhakano ya dinoka tse pedi tseo di gakgamatsang.
Go sega go ralala bophara jwa tikologo go tswa kwa botlhaba go ya bophirima e ke Limpopo ‘leo le leng lesetlha leo le leng mafura’, jaaka Rudyard Kipling a e kaya ka modumo wa ditlhaka tseo di tshwanang, jaaka a e baya. Go tsweng bokone e tla fa e bulegileng, bodilo jwa motlhaba jwa Shashe, eo e elelang, fela fa e tla ka morwalela.
Letsatsi lengwe, ge magora fa a sena go phutlhamisetswa fa fatshe, diphoologolo tsa naga di tla kgona go tlhoma gape paretone dingwe tsa tlhago tsa go fuduga go kgabaganya tsela ya metsi e e botlhokwa.
Gape tlhakanelo ke lefelo la pikiniki la beang bao ba tlileng ka letsatsi le lengwe fela. Palo ya ditafole le dibanka e agilwe ka fa tlase ga marulelo a bojang a kgogedi, mme go na le lebenkele le le nnye leo la khiriso ya dipesetso tsa nama tsa gase. Lebenkele gape le tshwanetse go rekisa dilo tsa motheo jaaka dinotsididi le dijonnye, fela le ne le sa bulwa fa ke ne ke le koo.
Go na le madilo a sekepe a a mane (Tlhabo ya letsatsi, Dikgolo, Tlhakano ya dinoka tse pedi le fa letsatsi le wela) nngwe le nngwe e e neelana ka dipontsho tse di ntle mo godimo ga tlhakano ya dinoka tse pedi. Lefaufau ka kagiso mme fa o didimetse, o ka utlwa go lela ga tshipi ya kgomo go nyelela go ralala go tswa kwa Zimbabwe.
Mo letlhakoreng le lengwe la lefelo la pikniki ke tselana e nngwe e e isang kwa Bodilong jwa kwa Setlhoeng. Lefelo la go lebela le lebeletse kwa mo bogareng jwa phaka; naga e khibidu, e e makgwakgwa e e tletseng ka melapo le ditlhare. Le fa e se e e nang le gakgamatso jaaka tebelelo ntle ya tlhakano ya dinoka, e mosola go e tsamaya bokhutswane ka dinao.
Translated by Lawrence Ndou