Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona ke matlhale gammogo le tiriso ya temothuo mme e nnile letsholo la lefatshe ka bophara.
Molawana wa motheo wa tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona o lebeletse thata mo go tlhabololeng mmu o nonneng le go tlhotlheletsa balemirui go fepa mmu go feta sejalo. Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e tlhopha kitso ya setso le ya selegae, e e tswelang pele le go tlhokomela le go obamela thulaganyo ya kitso ya setlogo ya setšhaba sa Iroquois, morafe wa setlogo wa Amerika. Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona gape o amogela gore temothuo e tlhoka go rarolla Molawana wa Moloko wa bo 7. Molawana o o tlhalosa gore ditshweetso tse re di dirang gompieno di tshwanetse go dira lefatshe le bolokege go ya melokong e supa ya ka moso. Molawana o o ya pele go tlhotlheletsa tokafatsao ya mmu o o itekanetseng ka go tiisetsa ntlha ya gore re tlhoka go tlhoka mogopolo mo go tlhabololo ya mmu e seng tlhabololo ya dijalo.
Ditiragatso tsa ntshokuno ya tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona di theilwe mo godimo ga melawana le boikaelelo go fokotsa thata tiriso ya ditsenngwateng tsa kwa ntle.
Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e dirisa mekgwa ya go lema, jaaka go jala dijalo tsa di farologaneng mo seporong se le nosi, go thea ditlhapi ka setso le temothuo ya diruiwa (fa e bapetswa le mokgwa wa tsa temothuo ya borui ba intasteri), go kopanya dijalo, ditlhare, diruiwa le ditlhapi, go nontsha, go dira le go dirisa mmutedi, gammogo le go dirisa peu ya tikologo le ditswala tsa diphologolo.
Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e atlenegisa temothuo e e lebeletseng ‘ntshokuno ya dijo e e dirang tiriso ya dithoto tsa tlhago le ditirelo moo e sa senyeng metswedi e’. Temothuo e a atlega mme e ya itshoka fa e dira mo ditikologong tsa selegae. Dikao tse di latelang di laetsa; go tokafatsa mmu le boleng ba go jala ka go oketsa dibolang le ditshedi tsa tlhago, mo boemong ba go lwesa tlhago ka ditsenngwateng tsa dikhemikhale.
Balemirui ba ba dirang ka tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona ba ikaeletse go tokafatsa boitekanelo ba mmu le monono, go oketsa poelo ya dijo tsa dikotla e e lekanyeditsweng, go maatlafatsa mebaraka e e lokologilego ya dintshokuno tsa bona, go maatlafatsa tikologo e e itekanetšeng ya ditshedi le go aga ka kitso ya badimo le ditlwaedi.
Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona ga se lereo la gompieno - le ka tlhaolwa mo dingwalong tsa matlhlale go tswa go bo1920. Malobanyana, tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e tsene mo poledisanong ya boditšhabatšhaba le makala a UN.
Go boletswe gore tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e akaretsa sepolotiki, ya setšhaba le ditshweetso tsa setso. Ka nnete, tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona ke ikego go ‘Kgoeletso ya Lefatshe ya Ditokelo tsa Lefatshe,’ e e tlhomilweng kwa Khonferenseng ya Lefatshe ya Batho ka ga phetogo ya maemo a bosa ka 2010.
Mokgatlo wa Dijo le Temothuo wa Dinagakopano (FAO) o swere diseminare ka tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona go thusa go kaela dinaga go fetola dithulaganyo tsa dijo le temothuo go boloka temothuo ka go tswela pele ka bontsi. Tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e ikaeletse go fitlhelela ‘Tlala ya Lefela’ le maikaelelo a mangwe a mantsi a tlhabololo ee tswelang pele tsa Mokgatlo wa Dinagakopano.
Go tloga go diseminara tse tsa FAO, dikarolo tse di latelang tse 10 tsa tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona di tlhageletse:
Go farologana
Ditirisano
Go dira sentle
Kgotlelelo
Go dirisa dilo gape
Go tlhama mmogo
Go abelana kitso
Maitshwaro a batho le a setšhaba
Puso e e maikarabela
Ekonomi e sediko le tsa borata naga
Dikarolo tse 10 tsa tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona di kopantswe le go ikemela.
Go fitlhetswe gore kae kgotsa kae mo lefatsheng tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e atlegile, mmuso wa selegae o ne o neelana ka tshegetso. Tshegetso ya mmuso ya tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e feleditse kwa mekgatlong e e maatla ya setshaba e e tlhlotlheleditseng mebuso ya bona go bea melawana ya go tshegetsa.
Mo Aforika Borwa, go na le sethalwa sa bone sa ‘sengwalwa sa dipoledisano sa sephiri’ sa Phatwe 2011 seo se amanang le temothuo ya tlhago ya tiriso ya temothuo le tswalano ya ditshedi le tikologo ya tsona e e leng, Molawana wa Temothuo ya Tlhago eo e leg mo sengwalweng sa yona sa bo 12.
Taolo ya go busa sekgao se ya tlhokega, ka ntlha ya go oketsa go obamela molao, go tlhoka sephiri, go latelelwa le maikarabelo ka tshegetso ya ntshokuno ya bophara ya boleng jwa godimo le ditsweletswa tsa tlhago tse sireleditsweng tsa setshaba sa tikologo le mebaraka ya thomelontle.
Translated by Lawrence Ndou