Thupelelô ya Morara

© Louise Brodie
Proper training onto the cordon wire has allowed these vineyards to develop two cordon arms. Topping and tipping allowed for the development of shoots on the top part of the cordon arms.
Thupelelô ya morara e kganêla kgolô ya morara go letlhogêlakgolo (kutu) le go matsogo a kalakgolo (karolo ya forêimi ya logong e e tshegetsang morara) mmogo le go gola go go tswileng taolông ga matlhogêla a dikala. Mosola wa thupelelô ya morara ke go netefatsa gore matsogo a kalakgolo ya morara a lekalekana ka boleele le ka bokima mme le gore a emê ka go lekalekana mo mogaleng wa kalakgolo. Dingatana tsa diterebe di tlhoga mo matsogong ano a kalakgolo moragonyana. Thupelelô ya morara ka jalô e sweetsa sebôpegô sa morara.
Go botlhokwa gore morara, yo e leng sejalô sa monamô, o nne le kutu e e tlhamaletseng. Dikutu tse di tlhamaletseng di netefatsa fa dikalakgolo di lekalekana ka boleele. Seno se kaya gape gore dingatana tsa diterebe di a lekalekana ebile ke tsa boleng jo bo kwa godimo, fa dirwadi di phatlhaletse sentle mme ka jalo di tiile ka go lekana. Moo dingatana di sa goleng ka go lekana mo matsogong a dikalakgolo, mmala o ka amega mme diterebe di senyege. Diterebe tsa boleng jo bo kwa godimo di ka se tlhagiswe.

Thupelelô ya Morara mo Thulaganyong ya Trellis

Dikala tse di nnye di tshwanetse go bofelelwa ka metlha mo lotlhakeng, mo logong kgotsa mo bothaleng ka go dirisa dithapo kgotsa mogala wa polasetiki, seno se dirwa ke badiri ba ba katisitsweng. Mosola wa seno ke go baakanyetsa sejalô se sennye kgolô mo thulaganyong ya trellis e se tla gokaganngwang mo go yona mo nakong e e tlang. Mosola wa go monyêla tlhogwana ke go fedisa matlhogela a a sa batlegeng, segolo-bogolo matlhogela a metsi, mme le go fetisetsa kgolô ya morara kwa matsogong a kalakgolo. Seno se ka dira gore morara o golele ka bonako le go se senye maatla a ona a kgolô ka go tlhogisa matlhogela a a sa batlegeng.
Morago ga nako ya jalô (kgotsa morago ga kgolô mo ngwageng wa ntlha), kala e segiwa go nna gape le makukunya le mabedi. Morago ga fao, letlhogêla le le maatla le dirisetswa go nna kutukgolo. Topping e diriwa mo letlhogeleng la bobedi mme le bewa jaaka letlhogela la tlaleletso fa fa go setseng go monyêlwa. Topping ke go ntsha 15-25 cm gotswa mo letlhogeleng. Kutukgolo e tshwanetse go nna e tlhamaletse ka fa go kgonegang ka go e gogela kwa godimo gangwe le gape. Dikutu tse di sekameng di sokodisa terekere le motsamao wa metšhine ya kotulô mo meleng, mme di baka le gore dikalakgolo di se nne le boleele jo bo lekalekanang mo matlhakoreng ka bobedi.
Fela fa letlhogelakgolo le sena go gola 30 cm fa godimo ga mogala wa kalakgolo, letlhogela le a fokotswa fa thitong ya ntlha, fela fa godimo ga mogala wa kalakgolo. Thibelo eno ya kgolelogodimo e tla baka gore matlhogela a matlhare a mele gotswa mo karolong e e fa godimo ya letlhogelakgolo. Matlhogela a matlhare a mabedi, lengwe le lengwe mo letlhakoreng la lona, a tlogelwa gore e nne dikalakgolo tsa isago. Letlhogela la tlaleletsô le a tlogelwa fa lengwe la matlhogela a mabedi ano a ka senyega.

Maele ka ga Thupelelô ya Morara

Thupelelô ya morara ke karolô-tiragalo e e botlhokwa mo botshelong jwa tshimo ya morara mme e sweediwa gantsi ke nônôfô mo ‘Ngwageng wa Ntlha’. Nônôfô e tla sweetsa gore thupelelô ya morara e tla simolola leng. Fela, tsaya tshweetso go sale gale ka mokgwa wa thupelelô ya morara mme o tswelele ka ona. Sebôpegô sa kala, mmogo le palo ya dirwadi ga jaana di a sweediwa go rotloetsa ntshô-kungô moragonyana. Mo karolô-tiragalong eno, dikala tse di suleng di tshwanetse go busediwa ka tse dingwe mme logong lwa scion (logong lo lo tseilweng go tswa mo sejading ene e le letlhogêla la medikutu) le le robegileng kwa makopanelong a matlhogela le lona le tshwanetse go ka busediwa ka le lengwe.
Ela tlhokô taolô ya matlhogela a tlaleletsô – lengwe la kutu le le lengwe la kalakgolo. Topping e tshwanetse go dira gore a seka a gaisana le matlhogela-kgolo. Fa letlhogela-kgolo le senyega le tshwanetse go segiwa go nna letlhogela la tlaleletso. Mo karolô-tiragalong eno dirwadi tse di ša di ka bopiwa ka go dirisa letlhogela la metsi.
Ela tlhoko matlhogela a a bofilweng le go nôtiwa ka phoso ke mogala o bofilweng go dikologa kutu. Fa merara e sa le me nnye, dikala tse di sephara di tshwanetse go berekiwa. Matlhogela a kala-kgolo a ka nne a bofagantshiwa go netefatsa kala e tshesana. Go ya ka thato ga goa tshwanela go nna le dirwadi. Ga gona dirwadi tse di medisiwang kwa botlaseng jwa kala – dirwadi di medisiwa fela kwa botlaseng jwa kala-kgolo fa bogodimo jo bo mokôtô bo itemogelwa. Molao wa tlwaelo wa thupelelo ya morara ke gore: fa o belaela, sega.
Ka metlha dirisa molao wa bokima jwa pênsêlê go sweetsa gore o ka sega fa kae. Fa go sena matlhogela mo kala-kgolong, segelela go ya kwa letlhogeleng la kala mme o menelele seno mo kala-kgolong. O seke wa okaoka go segelela fela go makukunya a mabedi kgotsa fa o sa kgotsofalela sebopego sa kutu.

Thupelelo ya Morara wa Naga

Mo dikgaolong tse di omeletseng, kwa tshimo e sa boneng nosetso, merara gantsi e jalwa ka go katologana thata. Ka thupelelo ya morara wa naga, kutu ya dirwadi tse 6-8 tse mateng a tsona a bulegileng di tshwanetse go nna maikaelelo. Kgwele ya dinao e tshwanetse go tsena mo phatlheng ya teng. Ka jalo go a tlhokega go leka go ntsha matlhogela otlhe a a golelang ka fa gare ka motsi wa taolô ya borulêlô le go ntsha matlhogela a a golelang go ya tlase ka go a monyêla. Matlhogela a segwa ka bomo go nna lekukunya la kwa ntle gore go se nne le letlhogela la kala le le tlhogang ka fa gare ga sejalô. Ka motsi wa thupelelo ya morara wa naga, taolo ya sejalo e tshwanetse go gapeletswa ka go ntsha dingatana.

Thupelelô ya Morara ka Tshegô ka Motšhine

Fao tshimo e jalwang gore go segwe dikala ka motšhine mo isagong, kgolô e e siameng ke molao gore morara o gole go feta wa dithulaganyo tsa trellis tse di tlwaelegileng. Go botlhokwa e le ruri fa kalakgolo e tlile go tlhogisiwa ka botlalo ka ngwaga o le nosi. E sweediwa thata ke bokgoni jwa mmu le sejadi mmogo le modikutu. Megala ya tlwaelo ya borulêlô ga e dirisiwe mo dithulaganyong tsa tshegô ka motšhine. Go na le dithulaganyo tsa trellis tse di farologaneng tse di leng teng. Nngwe ke go letla kalakgolo go tlhoga mo letlhakoreng le lengwe fela le go letla morara o golele go ya go feta go morara o o fa thoko ga ona.

Translated by Nchema Rapoo