Thulaganyo ya Sepolotiki ya MaZulu

© Dr Peter Magubane

Kopantsho ya Sepolotiki ya MaZulu

Thulaganyo ya sepolotiki ya MaZulu e ne agilwe jaaka phiramiti. Mo mothoeng wa thulaganyo e e ne e le malapa ka bongwe (imizi), e e neng e na lke dikopantsho di le dinnye tsa sepolotiki mo pusong ya setšhaba. Umuzi mongwe le mongwe o ne o le ka fa tlase ga taolo ya umnumzane (tlhogo ya lelapa), yo o rweleng maikarabelo a go tshola tolamo le go lebana le kgotlhang nngwe nngwe ya selegae kgotsa dikgotlhang tsa selegae tse di ka nnang teng. O ne a ikarabelela kwa go induna — tlhogo ya kgaolo (isigodi) e mo go yona go neng go na le umuzi.

Tlhogo ya kgaolo e ne e na le maikarabelo mo go tsotlhe tsa molao le tolamo mo kgaolong ya gagwe le go rarabolola dikgotlhang tseo tlhogo ya lelapa e neng e ka se di rarabolole kgotsa tse di neng di le dikgolo kgotsa di le botlhokwa mo go ene go di rarabolola. Kgaolo gape e ne e bopa karolo ya kgaolo e kgolo, isifunda, e e neng e laolwa ke karolo e e botlhokwa ya tlhogo yakgaolo kgotsa kgosi ya pelego (inkosi), yo o neng a na le maikarabelo ka tlhamalalo kwa go kgosi.

Mo lefatsheng le ka nako ya fa go ne go le thata go fitlhelela ditlhaeletsano ka mmele, thulaganyo e e golaganeng ya tsa dipolotiki e ne e neelana ka tsela e e nonofileng ya kgosi go diragatsa taolo ya gagwe ya sepolotiki.

Bontsi jwa thulaganyo e bo kgonne go falola kgoreletsego ya bothati ba tatelano ba puso ya basweu ba Aforika Borwa le puso e ntšhwa ya temokerasi, e e tlhophilweng ka 1994, o amogela tshwanelo ya go tshegetsa le go tsweletsa dithulaganyo tsa setso tsa taolo mo dikgatlhegong tsa tolamo ya metseselegae.

Le gale ditiragatso tse dingwe tsa setso di kgatlhano le ditlamelo tse di leng mo molaotheong wa Aforika Borwa e ntšhwa, e e netefatsang tekatekano go sa kgathalesege lotso, mokgatlho wa bodumedi kgotsa bong. Kabo ya lefatshe go basadi, e e ka bo e sa letlelelwe mo nakong e e fetileng, ka jalo e nnile e e tlwaelegileng.

Translated by Lawrence Ndou

Tshimologo ya MaZulu

Mo tsamaong ya ngwaga wa 1550 Malandela, kgosi ye e neng e na balatedi ba le bannye, e e neng ya nna kwa boptlaseng ba Thabana ya Amandawe e...more

MaZulu

Shaka, o nnile kgosi ya setlhopha se se nnye sa MaZulu ka 1818, mme o adile motheo wa setšhaba sa MaZulu bogosi bo bo maatla go gaisa bo bo...more