Mo tsamaong ya ngwaga wa 1550 Malandela, kgosi ye e neng e na balatedi ba le bannye, e e neng ya nna kwa boptlaseng ba Thabana ya Amandawe e e mo borwa jwa dintshi tsa Noka ya Umhlatuze fela pele ga o tsena mo Mokgatšheng wa Nkwaleni.
O ne a na le barwa ba le babedi, Qwabe le Zulu, bao, go ya ka setso sa molomo fela, ba en ba nnetse go ngapana, mme ka jalo Malandela o ne a romela Qwabe go tshela go bapa le noka e e kwa tlase, gongwe gaufi le Empangeni ya gompieno, mme Zulu o ne a romelwa kwa bokone go nna kwa kgaolong ya Noka e Tshweu ya Umfolozi.
Mo tsamaong ya nako, bonkgonne ka bobedi ba godisa bolatedi ba bona mo melokong e e farologaneng, mme bobedi ba tlotla ka bobedi go farologaneng (ukukhonza) kwa go kgosi ya BaMthethwa, yo o neng a le maatla thata mo kgaolong.
Go ya kwa bokhutlong jwa ngwagakgolong wa bo18 Dingiswayo o ne a nna kgosi ya BaMthethwa. Jaaka mošwa, o ne a tshwanelwa ke go tshaba go pholosa botshelo jwa gagwe, jaaka rraagwe a ne a belaela gore o log aleano go mo menola. Dingiswayo o tsamaile thata go ralala kgaolo e e itsegeng jaaka KwaZulu-Natala gompieno.
Mo maetong a gagwe, ponelopele ya gagwe e ne ya atoloswa mme o ne a tsenngwa mo kgwebong, e e neng e gola ka tlhomamo mo tikologong boemakepe ba Sepotokisi ba kwa Delagoa Bay fa a ne a utlwa ka ga loso lwa ga rraagwe, o ne a boela a le mo mokwatleng wa pitse, a tshwere tlhobolo, go tsaya boeteledipele jwa BaMthethwa.
Dingiswayo e ne e le moeteledipele yo o botlhale mme a le maatla yo o lemogileng gore kgaisano ya lefatshe le metswedi ya tlholego e ne e nna masisi that le gore bokgoni jwa go fekeetsa kgwebisano ba Mapotokisi e tla tlisa mesola e le mentsi. Ka jalo o bone gore go bopa sesole sa BaMthethwa sa balatedi ba gagwe go ne go le botlhokwa thata. Mo ntlheng e, o nbe a simolola go dira mo go kopanyeng le puso e e rulaganeng e akgola ditlhopha tse di mo tlotlang, e bile tse di fentsweng kwa ntweng.
Translated by Lawrence Ndou