Thulaganyo ya Loago ya Basotho

© Dr Peter Magubane

Dikarolo tsa Setso tsa Losika

Mo karolong e le nngwe ya Basotho ba Moshoeshoe e ne e lomagane ka setso le ka sepolotiki. Le fa e le gore dikarolo tsa setso, tse di ikaegileng ka losika-di ne di bonala sentle mo pakeng ya go aga setšhaba le go tswelela go ya gompieno. Dikarolo tsa tsamaiso, (ditlhogwana, ditlhongwa tse di kwa tlase, diwoto le metse), tse di dirisitsweng le go nonofatswa ke tsamaiso ya maBorithane ya Basutoland, e gape e tswelelang, le fa e le fela kwa Lesotho.

Basotho botlhe ba wela ka fa tlase ga losika lo le nosi, maemo a loago ao maloko a setlhopha a a nang le leina la losika le lengwe le le amanang le ltshwao la phologolo e ba anang yone kgotsa badimo. Kamano ke ya ga rre, motho mongwe le mongwe o a nang le leina la losika lwa ga rraagwe, rraagwemogolo wa ga rre, jj. Bomme ba ba sa nyalang ba neela maina a losika la bona go ngwana wa gagwe kwa ntle le fa rragwe a amogela go nna rre.

Motseselegae wa Basotho

©Roger de la Harpe

Go ya ka noolwane ya Basotho, batho sa ntlha ba ne ba fetoga go tswa kwa lefelong la ditsobotla la tlhamane le le bidiwang Ntsuanatsatsi. Ba tlogetse lefelo la ditsobotla ka ditlhopha tseo di bileng masika (liboko), sengwe le sengwe se se abetsweng phologolo jaaka modimo - mosireletsi. Letshwao la ga losika lwa ga Moshoeshoe, sekao, e ne e le kwena (koena). Matshwao a ne a le boitshepo, a filwe boleng jwa molimo (modimo kgotsa setshedi se se sa bonaleng) mme se ne se tshwanetse go tlotlwa le go boifiwa.

Ditokololo tsotlhe di ne di tshwanetse go ikobela meila le diriso tse dingwe tse di malebana le phologolo kgotsa sengwe se se tlotlwang. Mo motseselegaeng (Motse) e ne e le karolo ya motheo ya tsamaiso ya go laola.

Palo ya banni ba motse e ne e farologana go tswa go ba le mmalwa go ya go makgolokgolo. Bontsi ba banni ba bagolo ba banna ba ne ba tsalana go bapa le mola wa banna, fela banna ba masika a a farologaneng gantsi ba ne ba nna mo motseselegaeng o le nngwe.

Ka metlha ya pele, manno a ne a agiwa ka dikago tsa seretse mme a thatafatswa ka bojang, a kgapiwa mo godimo ga letlhomeso la ditlhatsana. Ka ngwagakgolo o o fetileng, ka tlhotlheletso ya baromiwa, matlo a bojang a matlapa a khupeditsweng a nnile a a itsegeng thata. Di ne di le sediko kgotsa khutlonne, le phaposi e le nngwe kgotsa di le mmalwa. Fa matlapa a neng a se teng, matlo a ne a dirwa ka diboloko tsa seretse, mme a kgabisiwe ka matlapana a a kgomareditsweng mo dipoteng, kgotsa a dirilwe dipaterone ka mela mo seretseng.

Gompieno Basotho ba le bantsi ba go aga matlo a a khutlonne le marulelo a disenke a a sephara. Matlo a a agilweng ka disenke gotlhelele a fitlhelwa mo ditoropong tse di oketsegang tsa Lesotho le Foreisetata. Metseselegae ya Basotho e mentsi ya bogologolo ke e kgatlhang, e tswaka sentle le tikologo.

Mo mekgokoleseng e e tlhatlogileng mme e a tlhatloga, ba tlogetse melapo e e siametseng temothuo le dinaga tse di kwa tlase tsa temothuo. Maiteko a go tlhakanya manno ka bokoloniale a ka bo1950 le bo60 a pateleditse batho ba ba leng kwa Lesotho go ya mo metseselegaeng e kgolwane. 

Manno a kwa Motseselegaeng

©Dr Peter Magubane

Jaaka mo nakong e e fetileng, metseselegae gompieno e na le manno. Kwa tlwaelo le lengwe le le lengwe le na le monna le mosadi wa gagwe le bana, fela a mantsi a etetswe pele ke basadi ba ba sa nyalang, ka masika a mararo kgotsa a mane a bana. Pharologano e e bophara mo malapeng a gompieno e ka nna go ya ka hisetori ya banna jaaka badiri ba bafaladi mo meepong ya Aforika Borwa.

Mo nakong e e fetileng, matlo a ne a akaretsa bana ba basimane ba ba nyetseng, basadi ba bona le bana ba bannye. Banna ba bangwe ba ba neng ba na le basadi ba bantsi ba ne ba na le bonno ba mosadi mongwe le mongwe wa gagwe le bana ba gagwe, fa ba bangwe ba ne ba na manno aa atolositsweng kwa thoko mo teng ga bonno bo le nosi.

Manno a mannye a ne a na le ntlo e le nngwe fela, mme a mangwe a ne a na le ntlo, dintlo tswa kwa ntle, diphaphosi tsa go bolokela le megope ya go apaya. Tse di ka nna di golagantswe ke legora la matlhaka kgotsa dipota tsa seretse.

Ditsala le balosika go le gantsi ba ne ba nna gaufi le mongwe le mongwe, kgotsa manno a bona a tswelele go ya pele, bogolosegolo mo dinagatlaseng tsa kwa Lesotho, ka dirapa tse di tswaletsweng e le tsona tse di di kgaogantshang.

Thulaganyo ya mmotse wa dinagamagae e ne e ikaegile ka melawana e le mmalwa ya motheo, e e ka nnang ya fetolwa go tsamaelana le ditlhokego tsa bowena tsa popego ya mmugodimo. Mo nakong e e fetileng, lefelo la bonno la poraefete la kgoi le ne le le mo bogareng ba bonno bo boolo, le mosadi wa gagwe o mogolo mo go yona, mme tsa baadi ba ba potlana ka go dirisa thulaganyo ya bogolo mo thoko di bo dikologile. Kgotlatshekelo (lekhotla) e ne e le mo pele ga legae la gagwe mme fa thoko ga yona ne e le lesaka la dikgomo le ditala.

Translated by Lawrence Ndou