Thibelo ya Bogodu ba Dithoto

© Chris Daly
Bantshakuno ba nama e khibidu ka ngwaga ba latlhegelwa ke makgolo a le dimilione tsa diranta ka ntlha ya bogodu ba dithoto. Foramo ya Thibela Bogodu ba Dithoto ya Bosetšhaba e na le dikeletso tse di latelang tse di ka se thuseng fela go sireletsa kgatlhanong le b ogodu ba dithoto mme gape le go nolofatsa bosekisi fa legodu le tshwarwe:

Tshwaya Diphologolo tsa Gago

©Marinda Louw
Go ya ka molao mo Aforika Borwa, diphologolo tsotlhe di tshwanetse go tshwaiwa sentle ka nomoro ya go supa mong e e kgethegilleng. Go bokete go golega magodu a dithoto fa mong wa diphologolo a ka se kgone go di supa.

Bala Diphologolo

©Eric Miller
Diphologolo di tshwanetse go balwa ka go supa ditatlhego le mathata a a ka nnang gone. Foramo ya Bosetšhaba ya Bogodu ba Dithoto e gakolola balemerui go dira jalo bonnye gangwe ka beke, fa e le gore ga e ka ke ya dirwa letsatsi le letsatsi. Balemirui ba tshwanetse go bala diphologolo ka bobona, mme fa go sa kgonege go dira go lekola ka gale go netefatsa gore dipalo di nepagetse.
Diphologolo tse di latlhegileng le maiteko a boigodu di tshwanetse go begiwa kwa mapodising ka bonako. Fa o letsa nako e telele go tla nna bokete go latedisa bosupi le go tshwara magodu.
Diphologolo tse e seng tsa gago le tsona di tshwanetse go begiwa kwa sepodising le balemiruing ba baagisane. Ga o batle magodu go dirisa dikago tsa gago jaaka lefelo la go fitlha dikgapo tsa bona, kgotsa maswe o ka amega jaaka modirammogo kgotsa legodu.

Tshola Rekoto

©Chris Daly
Tshola kwadiso e e tseneletseng ka dintlha tse di tseneletseng go ka kgonegang mme o tshware kwadiso e e le mo dinakong.

Thoto ya Kgwebo

©Eric Miller
Beng ba ba ntšhwa ya beng ba tshwanetse go newa makwalo boitshupo a a nang le leina le sefane sa mong wa pele, leina le aterese ya moreki le morekisi le letlha la kgwebo. Moreki o tshwanetse go boloka tokomane eno mo ngwageng jaaka bosupi jwa go reka.
Barekisi kgotsa batsamaisa fantisi ba tlhoka lekwalo la go supa gore ba ka rekisa diruiwa mo boemong jwa mong. Letlha la thebolo le tshwanetse go nna la bošeng jaana mme le akaretse dintlha ka ga tsadiso kgotsa mofuta wa thoto, palo ya dithoto, letshwao la tshupo, bong, mme gape le mmala wa thoto fa e sa tshwaiwa ka mokgwa o o beilweng.

Go Tsamaisa

Batsamaisi le dikhonbeiyase ba tlhoka lekwalo la go tlosiwa ntle le fa dithoto le tsamaisiwa ka tsela ya botlhe e e kgabaganyang naga ya gago. Lekwalo le tshwanetse go nna le leina le aterese ya motho yo o ntshitseng lekwalo, leina le aterese ya mong wa thoto, lefelo le thoto e tswang kwa go lona le kwa dithoto di romelwaangngona, leina la mokgweetsi, letlha la go ntshiwa mme fa go tlhokega tshedimosetso ka sepalangwa. Tswadiso kgotsa mofuta wa thoto le letshwao la tshupo, bong, nomoro le mmala wa thoto, fa e sa tshwaiwa ka mokgwa o o beilweng, e tshwanetse go bolelwa.

Bega Melato

Balemirui gantsi ga ba bege bogodu ba dithoto, ka ntlha ya loeto lo lo bokete le nako e e tsewang go dira jalo. Go bega melato go botlhokwa, e seng fela go tshwara batlolamolao, mme gape ka ntlha ya gore e tla fitlhela mo intasetering e nna le setshwantsho sa nnete sa gore go utswiwa ga dithoto go masisi jang, mme gape se se ka dirang gore puso e dira gore didiriswa tse fetang, tse di leng gona go lwantsha bosenyi.
Gape gakologelwa gore kgetse e begwe ka bonako, go oketsa bokgoni ba go tshwara badiramolato.

Naya Bosupi

©Roger de la Harpe
Gantsi badiramolato ba a gololwa, kwa ntle ga diteko tsotlhe le nako e e beeleditsweng go tshwara le go aga kgetse kgatlhanong le bona, fa balemirui ga sa bonale go naya bosupi kwa kgotlatshekelo. Gakologelwa gore kgolego e e atlegileng e tla go tswela setšhaba sa bolemirui mosola. Karolo eno e rulagantswe go tswa tshedimosetsong e e neetsweng ke Foramo ya Thibela Bogodu ba Dithoto ya Bosetšhaba.

Translated by Lawrence Ndou