Themphoritšhara mo Afrika Borwa

©Peter Delaney

Themphoritšhara e re e utlwang mo tikologong ya rona ke maatlatsatsi, eleng mogote wa letsatsi, a a monyelwang mo lefaufaung, mo lefatsheng le mo metsing. 

Themphoritšhara e rotloetswa ke dintlha tse di farologaneng tse di jaaka bogodimo jo bo kwa godimo ga boalô jwa lewatle, sekgala gotswa kwa lewatleng le latitude - eleng bonno jo bo mo molagareng wa Bokone-Borwa wa lefatshe.

Altitude le Themphoritšhara

Altitude, eleng bogodimo gotswa mo boalông jwa lewatle, ke ntlha e kgolo mo tshweetsong ya dithemphoritšhara tsa mowa mo Afrika Borwa, go feta dithotloetso tsa themphoritšhara tse dingwe tse di jaaka latitude. Sekai, fa mongwe a thala mothalo wa botlhaba-bophirima go ikala le latitude ele nngwe gotswa Durban goya bogodimong jwa dithaba tsa Drakensberg, themphoritšhara bogareng ya mowa e ya fokotsega fa o ntse o tsamaya gotswa lobopong goya dithabeng. Pharologano bogareng mo themphoritšhareng, ka ntlha ya tlhatlhogo, e ka nna 11ºC. 

Mo godimo ga seo, dithemphoritšhara tse di kwa tlase go gaisa mo Afrika Borwa ga di rotloetswe ke latitude, mme di rotloetswa ke altitude ka dithemphoritšhara tse di rurufetseng go ikala le dithaba tse di kwa godimo go gaisa mo nageng, Drakensberg, Maluti, Winterberg, Sneeuberg, Nuweveld, dithaba tse di kwa godimo tsa Kapa Botlhaba le Karoo, di a bontsha. 

Nagatlase ya diporofense tsa Mpumalanga le Limpopo, le kgophu ya Noka ya Limpopo, ke dikgaolo tsa tlhagiso ya merogo tse di kgolo tsa Afrika Borwa. Dikgaolo tseno di botlhokwa thata ka mariga fa dithemphoritšhara tsa bontsi jwa dikgaolo tse dingwe tsa Afrika Borwa di sa siamela tlhagiso ya merogo. Nagatlase le karolo e e kwa bokone ya Porofense ya Limpopo gape ke dikgaolo tsa tlhagiso tse kgolo tsa naga tsa maungo a subtropical le manôkô. Dikgaolo tseno, segolobogolo Nagatlase, di mo metlhatlhogong e e kwa tlase gona le dikgaolo tse dingwe tsa naga-gare ya Afrika Borwa mme di itsagale jaaka dikgaolo tse di mogote thata. 

Ntlha e e botlhokwa go gaisa ke gore themphoritšhara magareng ya tsatsi le tsatsi ka mariga, sekai Phukwi, ya dikarolo tse di kwa bokone jwa Porofense ya Limpopo, mme segolobogolo Nagatlase, ke go fitlha go 6ºC go feta ya kwa dikgaolong tsa diporofense tsa Kapa Bokone le Bokone-Bophirima - dikgaolo tse dingwe di le pedi tse di bothitho thata tsa Afrika Borwa. 

Se se botlhokwa thata, dithemphoritšhara-tlase fano ka mariga di bothitho go feta tsa diporofense tsa Kapa Bokone le Bokone-Bophirima ka fitlha go 10ºC.

Themphoritšhara le Lewatle

Metsi a na le bokgona-mogote jo bo kwa godimo go feta majwe le diminerale. Seno se raya gore metsi a tsaya sebaka go gotela le go rurufala go feta lefatshe. Ka jalo, mawatle a na le bolekanyetsi jo bo golo mo dithemphoritšhareng tsa mowa tsa dikgaolo tsa lobopo. Ka selemo, sekai ka Ferikgong, dithemphoritšhara tsa motshegare go ikala le lobopo di kwa tlase mo go tsa kwa bogareng jwa naga, ntle fela le kwa dikgaolong tse di kwa metlhatlhogong e e kwa godimo. 

Ka mariga, sekai ka Phukwi, dithemphoritšhara tsa motshegare kwa dikgaolong tsa lobopo di kwa godimo go feta tsa kwa bogareng jwa naga, ntle fela le kwa Nagatlase, dikarolo tse di kwa bokone jwa Porofense ya Limpopo, Kgophu ya Limpopo le dikgaolo tsa dinaga-bogare kwa bokone jwa Pretoria. 

Fela dikgaolo tse di rurufetseng tsa lobopo lwa bophirima, kwa ditapole tse di ntsi le dijalo tse dingwe di jalwang ka fa tlase ga nosetsô, di na le dithemphoritšhara tsa mariga tse di kwa godimo go feta tsa naga-gare, ntle le dikgaolo tse di umakilweng fa godimo. Lobopo lwa bophirima lo ka fa tlase ga thotloetso ya moela o o tsididi ya Benguela, o eo fokelang goya kwa bokone go ikala le lobopo gotswa kwa kgaolong ya polar kwa borwa jo bo kgakala. 

Themphoritšhara, segolo thata go ikala le lobopo lwa KwaZulu-Natal, e rotloetswa ke moela o o bothitho wa Mozambique, eleng mokgatšha wa moela wa Agulhas, o o fokelang goya borwa gotswa kwa equator. Dithemphoritšhara-tlase tse di kwa godimo go ikala le lobopo lwa botlhaba di letla tlhopho ya motseletsele o o atologileng wa dijalo.

Translated by Nchema Rapoo