Mefero e kaiwa ele ‘dimela tsa tshupo’ ke balemi ba botswa-tsheding. Dimela di tlhoga ka go rata kwa di bonang dijo tse di di tlhokang teng mo tikolologong e di e tlwaetseng. ‘Mefero’ e ka supa ditlhaelô kgotsa dikgobelano tsa diminerale mo mmung le go senola tshedimosetso ka ga pH, bometsi le kitlano ya mmu e e jaaka go nna teng ga legogo le le thata - eleng boalô jo bo sa tsenegeng, jo bo tlwaelegileng mo mmung wa mmopa.
Frederick Clements, moitseanape wa dimela yo o tumileng wa kwa U.S, o tlhalosi jaana: “Semela sengwe le sengwe ke sesupo ka ge semela sengwe le sengwe ele setlhagiswa sa maêmô a se golelang mo go ona, mme ka jalo ke selekanyetsi sa maêmô ao. Ka ntlha ya seo, tsibogo nngwe le nngwe e semela se e dirang e neela kaedi ya mabaka a a dirang mo maêmông ano.
" Dikai tse di siameng ke quick grass (Cynodon dactylon) e e ithatelang mebu e e kitlaneng le mmabi o o melang mo mebung e e nang le nitrogen e e kwa godimo. Clover e tla fitlhelwa mo mmung wa nitrogen e e kwa tlase.
Taolô ya mefero ke kgwetlho e kgolô mo temông ya botswa-tsheding. Tsela e e dirang sentle ke ya gontsha mefero ka metšhine. Seno se ka dirwa ka seatla kgotsa ka didiriswa tse di gogwang ka terekere. Sekai, mefero e ka ntshwa ka blowtorch e e gokeletsweng kwa morago ga terekere.
Mokgwa onô o diriswa mo temông ya merogo ya ditswa-tsheding, fela o tlhwatlhwa-godimo ebile o kotsi. Kobelo e ka diriswa go laola mefero, mme gape e thusa go tshola mmu o metsifetse, e thibela tshenyego ka ntlha ya segagane mme e tlaleletsa ditswa-tsheding mo mmung.
Kobelo e ka nna ya botswa-tsheding (sekai, lotlhaka, dijalo-khurumetsa tse di lemeletsweng, lekwati) kgotsa boalô jwa polasetiki bo ka diriswa. Batlisisa ka ga melawana gotswa go sekema se se laolang temô ya botswa-tsheding fa seno se ka letlelelwa kana jang. Polasetiki e tshwanetse go ka ntshwa kwa bokhutlong jwa setlha le go latlhwa ka mokgwa o o sa ameng tikologo.
Dijalo-khurumetsa le papiso-jalô (dijalo tse di tlhogang di bapile mmogo kgotsa tse jadilweng mo meleng e e bapileng) le tsona di ka fokotsa mefero. Mmu o jadilwe ka kitlano ya dijalo mo ebileng go sena lefelo kgotsa lesedi le le lekaneng gore dipeo tsa mefero di mele le go gola.
Papiso-jalô le yona ke tsela e e netefatsang tshedisano-jalô ya tshimo ya gago. Ka jalô ya dijalo-khurumetsa, maitlhomo a magolo ke go tokafatsa itekanelo ya mmu, mme eseng go kotulwa kgotsa go fulwa. Dijalo tse di tumileng tse di tokafatsang itekanelo ya mmu di akaretsa menawa le di-clover.
Translated by Nchema Rapoo