Snouted Cobra
Keka ya Snouted

© Roger de la Harpe

Leina

Keka ya Snouted, Snouted Cobra [Naja annulifera]

Distatistiki tse di Botlhokwa

Mophato - Reptilia
Tlhomagano - Squamata
Lelapa - Elapidae
Botelele (Namagadi) - E ka nna botelele jwa 1.8m mme e kile ya bonwa ka botelele jwa 2.5m
Botelele (Tona) - E ka nna botelele jwa 1.8m mme e kile ya bonwa ka botelele jwa 2.5m

Mophato wa Dibopiwa

Keka ya Snouted ​ [​Naja annulifera]​ e kile ya ne e bediwa Keka ya Egepeta mme sebopiwa se ba se arogantse ka mephato e e ikemelang nosi. Keka ya Snouted [​Naja annulifera] o bonala ko Limpopo, North West, Northern Gauteng le kwa Northern KwaZulu-Natal. E bonala gape kwa Southern Mozambique, Eastern Botswana and Zimbabwe. Fa keka ya Egepeta yone [Naja haje] e bonwa kwa Morocco, go ya kwa botlhabatsatsi go fitlha kwa Egepeta, Borwa jwa Tanzania ge ella bophirima le bogare ba Afrika.

Ponalo

Keka ya Snouted e ka mefuta e mebedi: Plain phase: bosetlhana go ya go bofitshwana ba borokwa/mmala wa lephutshe ka mmala o o bongwe o o nang le mabanta.

Phatlhalatso

Keka ya Snouted [Naja annulifera] e banala kwa Limpopo, Bokone-Bophirima, Bokone ba Gauteng le Bokone ba KwaZuluNatal. E banala gape kwa Borwa ba Mozambique, Botlhaba ba Botswana le kwa Zimbabwe.

Botlhole / Bogalaka

Tshefu ya Keka ya Snouted ke neurotoxic e e bogale.

Dijo

Keka ya Snouted e itsege e ja dijo tse di farologaneng, tse di tshwanang le: Ddiamusi/dimamale tse dinnye, dinonyane, digwagwa, mekgantitswane(bogolosetona monitor lizards), le dinogana tse dingwe (le tse di leng bogalaka jaaka Keka ya Mozambique e e bidiwang spitting cobra le di-puff adder di ka jewa).

Di-Field Notes

Keka ya Snouted ke Keka e e kgolo mo go makatsang, mme e ka bonwa kwa di-savannah tsa komelelo, kwa gongwe di ipha botshabelo mo ditlhareng le fa thoko ga dinokana. Ga dinke di kgwa tshefu ya tsone. Ga di ka tlhaselwa ga di tshabe mme di ka ema fao diphutholole tlhogo go tshosetsa manaba a yone, mme ga seo se sa thuse, di ka tlolela lenaba leo mme di le lome.