Secretary Bird
Ramolongwana

© Shem Compion
Secretary Bird.

Tebego

Ramolongwana ke nonyana e e tsomang, fela go sa tshwane le dinonyane tse dingwe tse di tsomang, ena le maoto, maphuka le mogatla tse di telele. Ke mofuta o le nosi mo lelapeng la ona, nonyane eno e bona leina la yona go tswa go moetse wa yona wa mafofa a maleele a a tshwanang le dipênê tse badiri ba ngwaga-kgolo wa bo 19 ba neng ba di baya mo morago ga ditsebe. Nonyane eno e tota e le bosetlha jwa leeba ka mmala, ka bontsho mo maphukeng, diropeng le mo mafofeng a maleele a mo gare ga mogatla. Molongwana o mokhutshwane o o kobegetseng kwa tlase o emwe fa morago ke letlalo le le sa apeswang le le mmala o mohibidu le boserolwana.
Mo godimo ga moo, maoto a maleele a apesitswe ke mafofa go fitlha mo bogareng, a lebega jaaka borukhu jo bo khutshwane. Sefatlhego ga sa apara fa mafofa a mogatla a le maleele mme a tlhakatlhane. O emelela go fitlha go 4ft ka boleele. Mogatla o na le ditselane tse pedi tse ntsho mo gare. Selebego sa ona se se golo ke mafofa a mantsho a le 20 mo moetseng, a a lebegang jaaka pênê ya bogologolo e e beilweng fa morago ga ditsebe (tse di sa bonaleng) tsa yona. Tlhogo ya Ramolongwana (ka karolwana ya yona e e serolwananyana e e sa aparang) le popego ya molongwana wa ona di tshwana thata le tsa nonyane ya caracara. Di na gape le phupu tsa matlho tse di telele thata.

Phepo

Ramolongwana o ja dinoga, digagabi tse dingwe, sika loo-segogwane, bokhudu, magotlo le diphologotswana tse dingwe mmogo le dinonyane tse nnye tse di ruiwang.

Tsadiso

BoRamolongwana ba dula ka para botshelo jotlhe mme ba tota ba ikanyega go felo ga sentlhaga sa bona. Sentlhaga se beiwa fa tlase mo makopanelong a dikala tsa setlhare, gantsi mo go sa acacia. Ngatana e kgolo ya dithupana e gola ngwaga ka ngwaga jaaka ya sentlhaga sa ntsu. Mae a mabedi, nako nngwe a mararo, a masweu a tsaya matsatsi a ka nna 50 go thuthuga, mme ditsuwane tse di wang di fepiwa diphologotswana. Di fofa morago ga beke di le robedi. Ka nako ya tsadiso gona le mafega mo gare ga tsa tona mo setlhopheng. Bonga ka bobedi bo dira mmogo go aga sentlhaga. Mae a beelwa ka Motsheganong kgotsa Seetebosigo mme a elangwa gantsi ke tshegadi. Ditsuwane di fepiwa ke batsadi ka bobedi.

Maitshwaro

Nonyane tse di lofufa ka kgaolo ya tsone, di fofa fela fa di patelesega. Gantsi di bonwa ka bongwe, mme maloka a para a kgaogane ka bokgakajana. Ramolongwana o tsamaya sentle ka maoto a maleele, mme o kgona go tsamaya sekgala se se ka fitlhang go 20 miles ka letsatsi. Fa o lelekiswa, o tshepa lobelo lwa ona go tshaba. O bona bontsi jwa dijo tsa ona fa fatshe mme o rata thata dinoga. O tshwara noga ka menwana ya ona e meleele mme o e betsake fo fatshe go fitlha e swa, ntse o itshireletsa kgatlhanong le go lomiwa ka maphuka a ona. Kwa bofelong, o tsaya setsongwa sa ona mme o se latlhele mo moweng makgetho a le mmalwa go se edibatsa.
Mo Afrika Borwa, nonyane eno e tswalelwa mo hôkông go bolaya dinoga le magotlo. Mo godimo ga go batlana le dijo ka molongwana wa ona, Ramolongwana o gataka tlhaga gape go tshosa mekgaditswane, ditsie, diphologotswana tse dingwe kgotsa dinonyane. Kagô ya tshedisano ya Ramolongwana ke go dula ka para botshelo jotlhe. Fela ga ba botsalano jalo go ba bangwe. Totatota maloko a para ga se gantsi a le mmogo, mo boemeng ba seo ba dula ba kgaogane sekgalanyana.

Fa o tsoma, o phatlhalatsa mafofa a ona a moetse jaaka fene, mme o batle dijo ka mologwana wa ona o mokhutshwane wa huku. Maoto a sireleditswe kgatlhanong le go lomiwa ka matlalo a a thata a makima. Fa o lelekiswa, Ramolongwana o ikaega ka lobelo lwa maoto a ona, fela e ka phatlhalatsa maphuka a ona go thusa go siana. BoRamolongwana ba phela nako e ntsi ya bona ba tsamaya fa fatshe go batlana le ditsongwa. Diphologotswana di phamolwa fela ebe di kometswa. Ke dinonyane tse di dirisang tshono ga di e bona, di kokoana ko mafelong a a fetsang go ša, kwa ditsongwa gantsi di gobetseng kgotsa di sena maiphitho teng. Le ga e se nonyane e e botsalano le tse dingwe, nako dingwe di tsoma ka setlhotshwana kgotsa ka para, mme di golagana ka go dirisa modumo.

Tulo

O fitlhelwa mo dikarolong tse di bulegileng tse di lobala le dikgwa tsa tlhaga, mme nako dingwe di kokoana kwa nageng tse di fetsang go ša, kwa diphologolo gantsi di senang mafelo a go iphitlha mme di gobetse.

Di fitlhelwa kae

Ramolongwana o fitlhelwa ka go anama go ralala Afrika kwa borwa jwa Sahara.

Leina La Se-Latin

Sagittaruis Serpentarius