Sebakanyana Se Se Monate Magarenga ga Nelson le Winnie Mandela

© Dr Peter Magubane
Sebakanyana se se repileng magareng ga Nelson le Winnie Mandela kwa moletlong le Oliver Tambo.
Winnie Madikizela-Mandela o ithutetse go nna modiredi-loago mme fa a ne a dira kwa Baragwanath Hospital kwa Soweto, o ne a nna mo kamoreng e le esi le Adelaide Tshukudu, yo morago e neng ya nna mohumagadi wa mopresidente wa ANC Oliver Tambo. Oliver Tambo ka nako eo e ne e le modirammogo wa ga Nelson Mandela yo o neng a dira mmogo le ênê kwa fêmêng ya tsa molao.
Winnie le Nelson Mandela ba nyalane ka 1958 mme ba nna le barwadi ba le babedi pele a ka tshwarwa dingwaga di le tharo morago ga fao ka 1961. Ba ne ba kgona go bonana makgetlhô a le mmalwa ka motsi wa go golegwa ga gagwe, fela ka nako ya diketelo tseno tsa halofo ya ura ba ne ba kgaogantswe ka letloa mme motlhokomedi a le gaufi go ka ba reetsa. Ba ne ba sa letlelelwa go ka bua seXhosa, mme ba bua sejatlhapi le Afrikaans fela. Fa botshelo jwa ga Nelson jwa kwa kgolegelong bo ne bo tsepame mo dithutong, Winnie o ne a itemogela go tlhorontshwa ke sepodisi, go tshosetswa le go tshwarwa, mme dikgaratlhelo kgololosego tsa gagwe di opisa puso ya tlhaolele tlhogo.
Mongwe le mongwe wa bona e le mokaloba wa kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele, botshelo jwa ga Winnie le Nelson morago ga kgololo gotswa kgolegelong bone bo tletse ka maeto, go fana puo le tirelo tsa bobegadikgang, mme ka motsi ono ba ne ba na le nako ya go nna mmogo e nnye, e nako dingwe e neng e gatiswa mo ditshwantshông. Fa e ne e nna tautona, Nelson o ne a thapa Winnie go nna tlhogo ya tsa tirelo loago bosetšhaba ya ANC. Ka maswabi bobedi jono bo ne ba tlhalana ka 1996, morago ga dingwaga di ka nnang 40 tsa nyalo.

“Tlhogo ya tshiamo le pelo ya tshiamo ka metlha ke kopanyô e e tiileng.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more