Sawfish

Leina la Mophato

Sawfish

Leina la Maranyane

Pristidae

Semeto

E ka nna 7m

Ponalo

E na le nko e telele ee sephaphathi, mme o ka re saga ka sebopego (rostrum/snout). Tlhogo le yone e sephaphathi. Mmele wa yone o batlile o tshwanan le mmele wa legwaragrwara. Megatla ya kwa sefubeng e megolo mme e sephara. E bonwa k mmala wa bosetlha, kgotsa borokwa ka mpa e tshweu.

Dikitsiso

Lelapa la Pristidae le na le mophato ole 1 ka dibopiwa dile 4 tse di farologaneng. Go dumelwa fa dile mo kotsing e kgolo ya go yelela. Meno a yone a lekalekana. Ga e na di’barbels jaaka Sawshark. Magalapa a go hema a ka fa tlase jaaka a tlhapi ya Ray.
E tsoma masigo. Ovoviviparous.Bana ba yone ba tsalwa ba feletse mme e ka tsala bana bale 3-5 ka nako. Nko ya bana e e telele a aparelwa ke sephuthelwana sa rubber go sireletsa motsadi wa yone ga a pepa.

Dijo

E fepa ka di’molluscs le di’invertebrates. E dirisa saga ya yone go epa santa go bona dijo.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote. E ka bonwa gape mo mafikeng a lewatle le kwa mafelong di’estuaries(Kwa metsi a letswai a kopanang le metsa aa senang letswai kwa teng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Dwarf sawfish (Pristis clavata)
Knifetooth sawfish (Anoxypristis cuspidata)
Smalltooth sawfish (Pristis pectinata)