Rratoropo wa New York, David Dinkins O Kopana le Nelson Mandela kwa Boemelafofane jwa JFK

© Dr Peter Magubane
Ratorôpô wa New York, David Dinkins, o kopana le Nelson Mandela kwa boemelafofaneng jwa JFK.
David Dinkins e ne e le rratoropo wa New York go simolola ka 1990 go fitlha ka 1993 mme e ne e le montsho wa ntlha wa moAmerika go tshola maemô ao. E ne e le rramolao ka grata ya tsa dipalo. O kopane le Mandela mo tshimologong ya loeto lwa gagwe lwa ditoropo di le robedi kwa Amerika ka 1990. Se e ne e le karolo ya loeto lwa dibeke di le thataro go ya dinageng di le 14 lo mo go lona Mandela a neng a senka tshegetso ya matlole le tsweletso ya dikiletso tsa moruo kgatlhanong le puso ya basweu ya Afrika Borwa. Go umakwa fa batho ba le 750 000 kwa New York ba ne ba tla go mmona fa a ne a kgweetsa go ralala New York a etela mafelo a bantsho a a farologaneng mo toropo-kgolong.
Rratoropo Dinkins o ne are: ‘Re ile kwa boemelafofaneng jwa Kennedy go kopana le ene, mme fa a fologelela gotswa mo sefofaneng sele, go ne go sa tlhalosege. Ke makgetlhô a le ma kae mo o kopanang le mongwe wa bagaka ba gago? Fa nkabe ke ne ke le kwa kgolegelong dingwaga di le 27 jaaka ênê, fa nkabe ke ne ka tshwarwa makgwakgwa ka tsela e a neng a tshwerwe makgwakgwa ka teng, nkabe ke tshotse kgalefo mo go nna. Fela, selo se se gakgamatsang ka Nelson Mandela e ne e le tlhokego ya tšhakgalô. Fa re ne re tshwarana lwantlha, e ne e le nngwe ya dibaka tse di gaisang mo botshelong jwa me.’

“Ke lora ka ga phitlhelelo ya popagano ya Afrika, mo go yona baeteledipele botlhe ba yona ba kopanang mo maitekong a bona a go rarabolola mathata a kontinente eno.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more