Madiba Kwa Legaeng la Gagwe kwa 8115 Orlando West kwa Soweto

© Dr Peter Magubane
Madiba kwa legaeng la gagwe kwa 8115 Orlando West, mo makopanelong a mebila ya Vilakazi le Ngakane, Soweto.
‘Ka bosigo joo ke boetse le Winnie kwa No. 8115 kwa Orlando West. E ne e le fela fao fa ke ne ka itse mo pelong ya me gore ke tswile kwa kgolegelong. Go nna No. 8115 e ne e le pinagare ya lefatshe la me, lefelo le le tshwailweng ka X mo felotikologong ya tlhaloganyo me.’.
Nelson Mandela o fudugetse kwa Orlando West ka 1946 fa a ne a nyala mohumagadi wa gagwe wa ntlha, Evelyn Ntoko Mase. Ba ne ba tlhalana dingwaga di le somenngwe morago ga fao. Ka 1958 mohumagadi wa gagwe wa bobedi, Winnie Madikizela, o ne a dula le ênê, fela o ne a dula fela fano dingwaga tse dingwe di le tharo pele a tshwarwa ka 1961.
E agilwe jaaka karolo ya thendara ya puso kwa Johannesburg ka 1945, ntlo ya lolapa lwa ga Mandela e ne e na le marulelo a thini, boalô jwa semente, phaposi ya boapêêlô e tshesane le ntlwana-boithusetso ya emere kwa motsheông. Kamore ya borobalo e ne e le nnye mme bolao bo ne bo tletse kamore yotlhe.
Morago ga go gololwa ka 1990 o ne a boela kwa ntlong sebaka sa matsatsi a le 11 pele a fudugela kwa ntlong e e kwa Houghton. Fa a ne a le kwao o ne a kopana le baagi ba selegae mmogo le balosika mme a fana ka lefoko go babegadikgang ba boditšhabatšhaba. Gompieno ntlo enô ke lefelo-ngwaô la botlhe, le le tlhokometsweng ke ba Soweto Heritage Trust.

“Ga re batle kgololosego ntle le senkgwe, ebile ga re batle senkgwe ntle le kgololosego.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more