Ribbon Eels

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Ribbon eels

Tse Dingwe tsa Lelapa

Leopard, Green, Starry, Black cheek, Guinea fowl, Moray eel

Leina la Maranyane

Muraenidae

Semeto

E ka nna 3 m

Ponalo

Mmele wa yone o pinegile ka bophara. E na le mesifa, molomo o mogolo ka meno a a bogale aa lebelelang kwa morago. G ago na makwapa. Ga go na megatla ya kwa sefubeng. Mogatla wa mokwatla o simolola kwa morago ga tlhogo mme o elela go fitlha kwa mogatleng wa kwa morago. Mebala ya tsone e a farologana go tswa go bontsho ga e le mmotlana go ya go mmala wa lephutshe(Namagadi) le botala ba legodimo (Tona).

Dikitsiso

Lelapa la Muraenidae le na le mephato e le 15 le dibopiwa di le 200. E bonala ka dinko tsa yone kwa pele ga tlhogo. E hema ka nna e butse molomo. Bana ba tsone ba mmala o montsho mme ga ba gola ba fetola mmala go nna botala ba legodimo kgotsa mmala wa lephutshe. Ga dintse di gola di fetola bong go tswa go tse ditona go nna tse di namagadi. Mmala wa tsone o a fetoga le one gore o nne mmala wa lephutshe. Di iphitlha mo santeng le mo maketlong a matlapa mo lewatleng. Di tsala ka go tshela mae mo metsing.

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye.

Anamiso

Di bonwa kwa mawatleng a Indian le Pacific.

Dibopiwa tsa Mophato wa Yone

Juvenile (black)
Rhinomuraea quaesita
Male (blue and yellow)
Rhinomuraea quaesita
Terminal male (yellow and black)
Rhinomuraea quaesita