Polayamegare ka go Thutafatsa

©Marinda Louw

Polayamegare ka go thuitafatsa e ne ya tlhama ke Louis Pasteur, Rasaense wa kwa Fora. O lemogile gore go thutafatsa mašwi ka themperetšha ya kwa godimo le go a fodisa ka bonako go lekola pele fa go ka tsenywa ka mo mabotlolong kgotsa go phuthela go ka a tshola a le foreše nako e telele.

Kwa morago o ile a dira ka biri mme ka 1873, a dira ditshwanelo tsa kgwebo tsa thulaganyo ya go bolayamegare ka go thutafatsa bojalwa.

Le fa go le jalo, polayamegare ka go thutafatsa ga se kalafi ya kelelaleswe e seng sentle le dipaakanyo tsa maemo a kwa fatshe, jaanong dithulaganyo tsa polokego ya dijo le taolo ya boleng ke ntlha e botlhokwa thata mo paakanyong ya ditswaki tse.

Ka bo1800, mašwi a a tswang mo diphologolong tse di lwalang tse di umiwang kwa mafelong a a sa phepafalang a a tlholwang le leso la diketekete tsa batho. Ka jalo balemirui ba lemogile gore go thutafatsa mašwi ao a fepiwang dinamane go fokotsa bolwetsi ba mafatlha mo metlhapeng ya bona.

Polayamegare ka go Thautafatsa ke Eng

Polamegare ka go thutafatsa ke kalafo ya Polayamegare ka go thutafatsa e e bonolo (60 - 100°C) ya seedi le dijo tse di tiileng pele fa se fola ka bonako go fetisa. Polayamegare ka go thutafatsa e bolaya diphedinyana tse di sa eletsegeng le diphedinyana tse di tlholang bolwetsi jaaka Salmonella, Listeria, Escherichia coli O157:H7 le Staphylococcus aureus.

Thulaganyo ya Polayamegare ka go Thutafatsa

Themperetšha le lebaka la polayamegare ka go thutafatsa e ikaegile mo mofuteng wa dijo le go phuthela. Dijo tseo di ka bolawangmegare ka go thutafatsa di akaretsa dntshakuno tsa mašwi, mae, matute a maungo, saeda le biri, veine e e siameng, matokomane, flouru le tswina ya dinotshi.

Dikumo tse dingwe tse di jaaka matute le veine di tlhoka go ntshiwa moya, fa mašwi a tlhoka go momagana pele fi di bolawamegare ka go thutafatsa.

Ka kakaretso thulaganyo ya go bolayamegare ka go thutafatsa mašwi e tlhalosiwa ka mo fatshe:

Thulaganyo ya go bolayamegare ka go thutafatsa e akaretsa go thutafatsa mašwi ya go ka nna 72°C go fitlhela bonnye metsotswana e 15 e e seng go feta metsotswana e e fetang e 25. Mašwi jaanong a fodisiwa ka bonako go feta 3°C le go phuthelwa.

Ditlabakelo tseo di dirisiwang mo thutafatsong le go fodisa mašwi go bidiwa ‘sefetolwa phiso’.

Polayamegare ka go thutafatsa le yona e supiwa jaaka thulaganyo ya ‘Thempheretšha e e kwa Gogimo ya Nako e Khutswane’ (HTST).

Momagano

Thulaganyo e gantsi e tsamaela kwa pele polayamegare ka go thutafatsa mo mašwing. Ke thulaganyo ya kgatelelo e e kwa godimo e e thusang go phatlalatsa mafura ka go lekana mo mašwing mme e se bope llaga mo bokagodimong. Momagano ga e batle phiso.

Polayamegare ka go Thutafatsa ka Sethutafatsi

Dijo tse di tiileng tse di jaaka mae di ka bolawamegare ka go thutafatsa e e bitswang polayamegare ka go thutafatsa ka sethutafatsi. Nako ya go bolayamegare ka go thutafatsa ya go bolaya E. coli le Staphylococcus aureus ke ya go ka nna, metsotswana e 30, fa e senya Bacillus cereus e batla metsotswana e 90.

Polayamegare ke thulaganyo e e akaretsang go phepafatsa dikuno tše di jaaka borotho, mo sethutafatsi, ka go dirisa maatla a mothebetho wa sealemowa ka go farologana mo sethutafatsing. E bolaya diselenyane tseo di tlholang kgolo ya mouta mo borothong le ka tsela e, e ka dira borotho gore bo se nne le mouta malatsi a 60.

Sethutafatsi sa kwa gae ga se a tshwanelwa go ikaegiwa thata go tlhotlheletsa diphedinyana tse nnye.

Polayamegare ka go Thutafatsa e e Tsididi

Dithulaganyo tse dingwe tsa polayamegare ka go thutafatsa di akaretsa Paakanyo ya Kgatelelo ya kwa Godimo (HPP), Ditshimo tsa Motlakase tse di Mothebetho (PEF) le Modumo o o Tlhabang gammogo le theknolotši ya letha.

Mo nakong ya thulaganyo ya kgatelelo ya kwa godimo, dikumo tse di tswalelwang (di setse di le kwa mafelelong a go phuthela) di phuthetswe mo setshoding le go bewa mo kgatelelong e e ka nnang dipara tse di 6 000. Diphedinyana tse di sa direng le ka fao di tsweletswang kwa pele botshelo ba šelofo ba kumo. Dikumo tseo di ka baakanywang ka HHP di dirilweng di akaretsa dijo tse di siameng, dijo tsa diphologolo, salsa, kuasamole le tse di inelwang gammogo le matute, dikumo tsa mašwi le dikumo tsa mabele.

PEF e senya diphedinyana (ka go tlhotlheletsa matha) kwa ntle le tlamorago e kgolo ya mmala wa ntshakuno, tatso le phepo. PEF ga e na bokgoni ba go tlosa bodiri ba bontsi ba diselenyana tsa megare, jaanong e seng e e simeng mo mokgweng wa go bolaya megare.

Polayamegare ka go thutafatsa go dirisa modumo o o kwa godimo ka go dirisa jaaka sa sebolayamegare sa dijo le sedirisiwa sa kalafo mme se ka dirisiwa ka go kopanywa le polayamegare ka go thutafatsa mašwi, biri le dintshakuno tsa mae tsa seedi.

Dijo tse dingwe tse di tiileng di bolawamegare ka go thutafatsa ka matlhasedi a gamma le dilekanyo tsa matlhasedi a X le tsa dielektrone go laola megare ya go simolola mo dijong.

Polayamegare ka go Thutafatsa kgahlanong le UHT

Gantsi ditlankana tsa go phuthela dijo di tla bolela gore ‘polayamegare ka go thutafatsa’ kgotsa ‘UHT’ – ka bokhutswane ka gore ’Themperetšha ya kwa Godimo Thata’. Seo e lengo pharologano magareng ga polayamegare ka go thutafatsa kgotsa UHT?

Polayamegare ka go thutafatsa e fisa ntshakuno ka go ka nna 71℃ metsotswana e 15 pele fa e fodisiwa go ka nna 3℃.
UHT e tla fisa ntshakuno go ya go 137℃ mo metsotsong e mebedi pele e fodisiwa.

Dithulaganyo ka bobedi di dirisiwa go senya diphedinyana tse dinnye tsa tshenyo.

Mehola ya go Bolayamegare ka go Thutafatsa

Polayamegare ka go thutafatsa go kgoreletsa kgotlelego ya dijo mo difemeng tsa paakanyo ya dijo le botshelo ba dišelofo ba dintshakuno. Le fa go le jalo, go thulaganyo ya go thutafatsa ya polayamegare ka go thutafatsa go fetola diteng tsa phepo ya ntshakuno ya dibithamine mo phepong e e kwa tlase e e silegang.

Translated by Lawrence Ndou