Phutlhamo ya Mapungubwe
Go Senyegile Kae?
Mo dingwageng di le 75, baagi ba Mapungubwe ba tshetse matshelo ka go boitshega. Ba busitse lefatshe le le apesitseng di-square metre di le 30 000 le go gwebisana ka makaatlanamane go ralala kgaolo, le merafe ya selegae mmogo le bagwebi kwa Sofala le Chinuebe. Mme, ka ponyo ya leitlho, tsotlhe di ne tsa tswa mo tseleng. Ka 1209 AD, mošate o o manobonobo o ne wa phuaganngwa ka tshoganyetso, mme baagi ba Mapungubwe ba ne ba gasagasana le phefo.
Ga go bonolo go wetsa fa o leba kwa morago kwa dingwageng-kgolo tse di sa gatiswang. Gongwe kgosi e e tsofetseng e tlhokafetse ntle le go sia motlhatlhami, gongwe motlhatlhami o ne a le bokoa le go retelelwa ke go tshola setšhaba se momagane; gongwe go ne go na le kgotlhang magareng ga lolapa lwa segosi; gongwe ba ne ba tlhaselwa ke morafe o sele (le fa seno sene se ka se kgonagale); gongwe toropo e nngwe e tsere marapo a go laola mebila ya kgwebisano e e tsenang mo nageng-gare; kgotsa gongwe e ne ele maêmô a bosa a a sa tsepamang a a tlisitseng Mapungubwe kwa bokhutlong. Seno sa bofelo ke lebaka le le kgonagalang.
Paka e Potlana ya Tsidifalo
Dikgatiso ka ga tikologo di supa gore, ka bo 1300 AD, go ne ga nna le ‘Paka e Potlana ya Tsidifalo’, ka bonnye fela. Fela, e ne e lekane, go fetola botshelo jwa morafe wa temothuo wa pele ga histori.
Dipula tse di ntle tse di saleng di tshologa kwa tshimologong ya paka ya motse wa K2 di ne tsa kgala, le go baka komelelo e kgolo go gaisa mo dingwageng di le dikete, mme noka ya Limpopo e ne ya tswa mo taolong, e rwalela ka nako e e seng yona le go senya dijalo. Tlhokagalo ya dijo e katswa e etegeditswe ke go runya ga leroborobo le le neng le tsamaiswa ke magotlo a selegae (rattus-rattus).
Ka phutlhamo ya thebolelo ya dijo, pinagare e ne e sa tlhole e kgona go tshwarelela, mme mošate o ne wa phutlhama. Bokgoni jwa Mapungubwe jwa go tswelela go gweba bo ne ba nna mo kotsing, mme thulaganyo ya puso e e nonneng kwa godimo e ne esa ipaakanyetsa go samagana le matlhotlhapelo a a e lebaneng. E ne ele bokhutlo jwa naga ya Mapungubwe. Ka gore, kgosi ga se kgosi ntle le morafe.
Ga Gona Tswelelopele
Ka jalo, baagi ba Mapungubwe ba phuagantse mabitla a bona a gouta, le go foka goya go dula kwa madulong a ma ntšhwa kwa borwa le bokone-botlhaba. Jaaka go le jalo ka merafe e mengwe ya maloba, phudugo ya bona e ne ele ya tshoganyetso mme go ne go sena tswelelopele ka merafe ya morago ga fao. Ngwao ya bona ga e a itshoka, mme ditsa-letsopa tse di tshwailweng tsa Mapungubwe ga di bonwe gope kwa mafelong a morago ga leo.
Mo dingwageng di le 700 tse di latetseng, thabana e e boitshepo e hupile diphiri tsa yona. Ga e aa dulwa ke merafe e mengwe ya morago ga ono e e fudugetseng mo kgaolong eo, mme boitshupo jwa batho ba Mapungubwe bo nyeletse le mo mosimeng wa histori. Ebile, re santse re itse go le gonnye ka ga bona.
Dingwao tse di jaaka puo, mmino le ditumelo tsa sedumedi ga di tlogele metlhala e e bonwang kwa morago. Ka jalo re ka fopholetsa fela ka ga bokao jwa dilwana tsa mabitla tse di farologaneng, le dikakanyo tse di sa nepang ka ga dintlha tsa thulaganyo ya setšhaba sa bona. Go bua nnete, ga re itse le gore ba ne ba ipitsa bomang, ka gonne ‘Mapungubwe’ ke lereo la segompieno.
Zimbabwe yo Mogolo
Le fa gole jalo, go akanywa gore fa mošate o ne o nyelela, karolo ya morafe e ne ya fudugela kwa toropong-kgolo ya setlabošweng ya Zimbabwe yo Mogolo.
E ne ele felo-bodulo jo bo setseng bo tlhomilwe, jo bo ka nnang 150km goya kwa bokone botlhaba, jo bo nang le setso le ngwao tsa ditsa-letsopa. Ka phutlhamo ya Mapungubwe, ka iketlo Great Zimbabwe e tsere marapo a go nna bogare-kgolo jwa kgwebisano le lebopo le le kwa botlhaba.
Jaaka e gola, Great Zimbabwe e tsere gape bogolo jwa ngwao le setso tsa Mapungubwe mmogo le dipharologanyô tsa teng tsa bodulo, mme ya di godisa bopa toropo-kgolo e e kgatlhisang ya lejwe, ka mabota a a kwa godimo le masaka a a boitshegang. Semaka seno sa lefatshe la bogologolo le sona ke World Heritage Site, mme se na le histori ya sona e e matsubutsubu.
Translated by
Nchema Rapoo