Phepô ya Dipodi

© Marinda Louw

Dipodi ke diruiwa tse di rategileng ka ntlha ya gore gantsi di fula matlhare mme di ka diriswa mo dikgaolong tsa masimo a ditlhatshana le dikgwa mmogo le difula-tlhaga tse di jaaka dikgomo. Jaaka ele difula-tlhare (di ja matlhare gotswa ditlhatshaneng) ga di gaisanele dijo le dikgomo. Mo godimo ga fao, bofula-tlhare jwa dipodi bo thusa go samagana le tsenelelô ya ditlhare kwa dikgaolong tsa Savannah le tsa bushveld, fela gape bo ka baka phulô e e feteletseng.

Bontsi jwa dipodi tse di ruiwang kwa metseng (jaaka dipodi tsa selegae), ka kakaretso ga di fepiwe dithoro mme di fepiwa matlhare jaaka dijo, ka jalo, ntshô-mašwi ya tsona ya tsatsi le tsatsi gantsi e kwa tlase. Go netefatsa ntshô-mašwi e e siameng, di tla tlhoka dikotla tsa tlaleletso mme di tla tsibogela sentle tlhokomelo e e siameng le phepô ya ditlaleletsi.
Phepô ya dipodi tsa mašwi, dipodi tsa nama le dipodi tse di tsadisetswang tlhale (mohair kgotsa cashmere) e tla tlhoka dilekanyetso tse di rileng goya ka legato la tsona tlhagiso le seêmô. Moitseanape wa dikotla tsa diphologolo kgotsa sekema sa difepi ba ka thusa ka dira lenaane la phepô ya dipodi tsa gago le le lekalekantsweng.

Mekgwa-tlwaelô ya Phepô ya Dipodi

©Marinda Louw
Dipodi ke diphologolo tse amegang maikutlo bonolo ka mekgwa-tlwaelô e e sa tlwaelegang. Ga di je sefepi se se leswe kgotsa se se nkgang bosula, mme ga di rate furu e e metsi, ya kgale kgotsa e e gatakilweng. Sefepi sa podi se tshwanetse go nna phepa le boforeshe mme se tshwanetse go bewa mo mogopong wa diphologolo. Tshola megopo ele phepa ka go ntsha masaledi mangwe le mangwe. Fa o fepa furu, beya furu mo dirakeng tsa furu kgotsa kgwagetsa sefepi ka dingatana mo setlhareng kgotsa mo lebotaneng.
Dipodi ke diotli mme di kampe tsa ja difuru tsa menawa jaaka lucerne le cowpeas (tse di kwa godimo ka protein), gona le gore di je mabêlê, mmopo, bojang jo bo tala kgotsa lotlhaka.
Reka sefepi sa boleng jo bo siameng sa tlhwatlhwa e o ka e kgonang mme o se boloko gotswa mo letsatsing le dipuleng. Kokoanya furu ka paka ya melô mme o e bolokele paka tsa tlhaelo ya dijo le ya komelelô. Masaledi a dijalo tsa dithorophitlholo le furu ya tlhaga di tshwanetse go ka rengwa pele di fepiwa mme dithoro di ka tšhwetlwa. Tswakatswakanya sefepi sentle gore dipodi di se je fela dikarolwana tse di monate. Go tlamela sefepi ka boforeshe; ke fela phepô ya tsatsi le le lengwe e e tsheanetseng go ka tswakanngwa. O se letle sefepi go tsofala le go uta. Phetogo nngwe le nngwe mo phepông ya dipodi e tshwanetse go dirwa ka iketlo, mo bonnyeng jwa sebaka sa beke.

Ditlhokegô tsa Maatla le Protein tsa Dipodi

©Marinda Louw
Carbohydrates le mafura di neelana ka maatla. Maatla a tlhokagalela kgolô, seêmô sa go ka tshola, tsadiso le twantsho ya malwetse le metlhampepe.
Dipodi gape di tlhola protein. Protein ke motheo wa kagô ya cell nngwe le nngwe mo mebeleng ya diphologolo tsotlhe mme e botlhokwa mo kgolông, tswantshong-malwetse, tsadisong le ntshông-mašwi.
Nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa thata tsa dijo tsa dipodi ke maatla - a a supiwang jaaka TDN = Total Digestible Nutrients.
Palogotlhe ya sefepi se podi e tlileng go se ja tsatsi lengwe le lengwe e metwa goya ka ‘Dry Matter Intake’ (DMI). Bogolo jwa dry matter jo bo jewang bo ikaegile ka bogolo jwa podi, tiro ya yona le ntshô ya yona. DMI e e kwa godimo e tlile go fitlhelelwa fela fa gona le dijo tse di lekaneng mme di latswega monate.
Go tsenya bontsi jo bo lekaneng jwa dimela-tala mo phepông ya metlha ya dipodi tsa gago ke tshwanelô, go sa kgathalasege gore o tlhagisa dipodi tsa nama kgotsa tsa mašwi. Dipodi tsa mašwi di tota di tlhoka dimela-tala go feta dipodi tsa nama, ka jalo netefetsa tlamelo e e siameng ya dimela-tala go dipodi tsa gago.
Fa go sena mafulo, jala mefuta e e farologaneng ya bojang le ditlhatshana mo karolong e nngwe ya lefatshe.
Difepi tse di loileng tse di nang le bomaatla jo bo kwa godimo ke mmopo, barley, dithoro tsa titielo le dijo tsa kuku ya oli ya cottonseed. (Dithoro tsa titielo ke masaledi a a tlileng a a setseng morago ga tlhagiso ya bojalwa. Le fa barley ele thoro-kgolo e e diriswang mo titielong, korong, mmopo, reisi, mabêlê le millet le tsona di a diriswa).
Difepi tsa podi tse di kwa godimo ka protein di akaretsa fishmeal, dinawa tsa soya, dijo tsa kuku ya oli ya cottonseed mmogo le dithoro tsa titielo.

Translated by Nchema Rapoo