Peter Magubane O Amogela Order of Meritorious Service Silver Class II Gotswa Go Tautona Nelson Mandela

© Dr Peter Magubane
Peter Magubane o amogela Order of Meritorious Service Silver Class II go tswa go Tautona Nelson Mandela ka 1999. “Ka ntlha ya bogatlhamela-masisi le bopelokgale ka matsatsi a a lofifi a tlhaolele, Peter e nnile lebone la tshepo eseng fela go diketekete tsa babegadikgang go ralala lefatshe mme gape go dimilione tsa batho go ralala naga ya rona. Maitlamo a gagwe go bobegadikgang ba ditshwantshô a butse tsela ya phetogô mo Afrika Borwa, mme matsapa ao a tshwanelwa ke tlotlomatsô ya boditšhabatšhaba.”
Peter Magubane ke motsayaditshwantsho wa bobegadikgang yo o tumileng yo a gatisitseng dikgaratlho kgatlhanong le tlhaolele di le dintsi, jaaka Ditsogo-kgatlhanong tsa kwa Soweto tsa Seetebosigo 16 1976 le Ditsogo-kgatlhanong tsa kwa Alexandra tsa 1976. O ne morago a nna motsayaditshwantsho wa semmuso wa ga Nelson Mandela, maemo a a ntseng mo go ona dingwaga di le 15. Magubane le Madiba ba ne ba na le botsalano jo bo gaufi, mme bana ba bona ba ne ba gola mmogo le go ya kwa medirong ya lolapa mmogo.
Ka 1999, Magubane o ne a amogela kabo ya Order of Meritorious Service Silver Class II gotswa go Tautona Mandela. “Ka bogatlhamela-masisi le bopelokgale jwa gagwe ka matsatsi a a lefifi a tlhaolele, Peter e nnile lebone la tsholofelo eseng fela go diketekete tsa babegadikgang go ralala lefatshe, fela le go di-million tsa batho go ralala naga. Maitlamo a gagwe go bobegadikgang jwa ditshwantsho go thusitse go tlhagola tsela e e yang kwa phetogong mo Afrika Borwa, matsapa a a jalo, a tshwanelwa ke tlotlomatso ya boditshabatshaba”.

“Go kganela batho ditshwanelo tsa bona tsa botho ke go ba kganela setho sa bona.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more