Nelson Mandela le Mohumagadi Wife Graca kwa Phitlhong ya Morwa wa ga Mandela eleng Makgatho

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela le mohumagadi wa gagwe Graca kwa phitlhong ya morwa wa ga Mandela eleng Makgatho e e neng e tshwaretswe kwa Qunu. Go bega ga Mandela phatlhalatsa gore Makgatho o bolailwe ke HIV/Aids go ntse le ditlamorago tse di ntle mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jono, ntwa e e neng e le gaufi le pelo ya ga Mandela.
Nelson Mandela o ne a na le barwa ba le babedi le mohumagadi wa gagwe wa ntlha, Evelyn Mase. Morwa wa gagwe o mo golo, Thembi, o tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga ka 1969. Morwa o mongwe wa gagwe, Makgatho, o tlhokafetsa ka ntlha ya AIDS ka 2005. E ne e le rramolao mme a na le bana ba le bane. Morago ga loso lwa ga Makgatho, Madiba o ne a bega phatlhalatsa gore morwa wa gagwe o ne a tshwerwe ke HIV/AIDS mme seno sa isa kwa phetogong e e siameng jaaka lesedi le boneswa mo mogareng ono o o bolayang.
Madiba o ne are: “A re neeleng papatso mme re se e fitlhe, ka gonne tsela e le nosi ya go dira gore e bonwe jaaka malwetse a a tlwaelegileng a etsa tuberculosis le kankere, ke go ka bua ka metlha gore mongwe o tlhokafetse ka ntlha ya HIV/AIDS, mme batho ba tla emisa go bo kaya jaaka sengwe se se boitshegang.”. O ne morago a simolola maneneo a le mmalwa a HIV/AIDS jaaka 46664 Foundation, e e neng e totane le “go tshegetsa diprojeke mo Afrika Borwa le sub-Saharan Afrika mo ditlhokego tsa ba ba tshwaetsweng le go angwa ke HIV/AIDS di leng kwa godimo ga jaana.”
Go tshwantshitswe fano Mandela le mohumagadi wa gagwe wa boraro Graca Machel kwa phitlhong ya ga Makgatho, e e neng e tshwaretswe kwa Qunu kwa Kapa Botlhaba ya Afrika Borwa.

“E ne e le ka dingwaga tseo tse telele di le bodutu fa tlala ya me ya kgololosego ya bagaetsho e nnileng tlala ya kgololosego ya batho botlhe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more