Nelson Mandela - Setshwantshisô

©Dr Peter Magubane
Nelson Mandela - Setshwantshisô
“A go nne le tshiamiso go botlhe. A go nne le kagiso go botlhe. A go nne le tiro, senkgwe, metsi le letswai go botlhe. A mongwe le mongwe a itse gore go mongwe le mongwe mmele, tlhaloganyo le mowa di golotswe go ikgotsofatsa.” Mafoko a a botlhale ano a kile a buiwa ke moeteledipele yo o itshupileng Tautona Nelson Mandela. Mo setshwantshisông se se atumetseng sa ga Nelson Mandela, ‘rraago setšhaba’ o lebega a hutsafetse jaaka a ipaya sentle go ka tshwantshiswa. Madiba e ne e le monna yo o seriti yo o boikobo yo o neng a rwele bokete jwa kgololosego ya Afrika Borwa mo magetleng a gagwe. E ne le motho yo o kgothatsang go maAfrika-Borwa otlhe le lefatshe fela jalo.

“Ga gona selo se ke se tshabang jaaka go tsoga ke sena lenanêô le le tla nthusang go tlisa boitumelonyana go ba ba senang ditsompelo, ba ba humanegileng, ba ba sa rutegang, le ba ba tshwerweng ke malwetse a a sa foleng.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more