Nelson Mandela O Buisana le Time Magazine kwa Kokoanong ya Basa kwa Tembisa

© Dr Peter Magubane
Moeteledipele wa ANC Nelson Mandela a tsaya nako go tswa mo kokoanô-kgolong ya baša kwa Tembisa go buisana le mmegadikgang wa Time magazine Scott MacLeod.
Ka di 26 Tlhakole 1990, Nelson Mandela o laleditse Scott MacLeod kwa legaeng la gagwe go bua ka nako ya gagwe kwa kgolegelong. Mandela wa dingwaga di le 72, o tsamaisitse Afrika Borwa gotswa mo dikgotlhang tsa yona tsa ka fa gare tsa bosemorafe go ya kwa tlhabong ya yona ya ditsholofelo tsa poelano ya bosemorafe, mo sebakeng sa ngwaga fela.

Potso. Nngwe ya dilo tse o di buileng ke gore o rile ga o moprofeta. Aa batho ba solofela go le gontsi gotswa mo go wena? - Scott Macleod

Karabo. Ga ke gopole jalo, le fa ke ne ke utlwa go le botlhokwa go ba lemosa fa go sena motho a le esi yo a ka rarabololang mathata a magolo a a re lebaneng. Ke matsapa a botlhe a a tlileng gore kgontsha go rarabolola mathata [a rona].

Potso. Bantsho ba tlile go gololosega leng mo nageng e? - Scott Macleod

Karabo. Ga ke moprofeta. Nka se bue. - Nelson Mandela

“Go ya kgolegelong ka ntlha ya ditumelo tsa gago le go ipaakanyetsa go boga ka ntlha ya se o dumelang mo go sona, ke sengwe se se mosola.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more