Motshotelo o mo Tala le Itekanelo ya Mmu

© Akkerwijzer

Motshotelo o mo tala ke jalô ya sejalo ka maikaelelo ale nosi a go tokafatsa mmu. Motshotelo o mo tala (cover crops dijalo-khurumetsa) o tokafatsa boleng jwa mmu ka ditsela tse di latelang:
Oketsa ditswa-ditsheding mme o age mmutele mo mmung.
Neelana ka dikotla go di microbes.
Dirisagape dikotla.
Dijalo-khurumetsa di goga dikotla gotswa kwa boteng mo mmung o o fa tlase mme di di ise kwa mmung o o fa godimo.
Menawa e tsamaisa phosphates le sulphur mme e oketsa nitrogen (N) e e tlhapologang.
Mmu o o ka fa tlase le mealo ya mmopa e a thubiwa, mme seno se tokafatse tsenelelo ya metsi le mowa.
Phokotsego ya kgogolego ya mmu.
Motshotelo o mo tala ke se leina la ona le se kayang: motlhagisi o reka peo go ka jala, e e se kitlang e kotulwa, mme e jalelwe fela go tokafatsa boleng jwa dikotla tsa mmu. Dikai di akaretsa oats, chickpeas le lucerne. Lemoga gore fa menawa e diriswa jaaka dijalo-khurumetsa mo kumisong e tala, peo e tshwanetse go ka jalelelwa le mofuta o o nepagetseng wa bacteria go netefatsa paakanyo ya nitrogen.
Motshotelo o mo tala o ka jalwa mo gare ga mela ya dijalo tse di farologaneng, mme morago o lemelelwe mo mmung, mme ga o tlhoke go jalwa mo karolong e e sa dirisweng. Mme ka jalo o tlile go dira jaaka mokgwa wa taolô-mofero le sekhurumetsa-mmu. Fa o ka se kgone go ka lemelelwa mo mmung, dikarolwana tse tala di ka kotulwa le go diriswa mo mmotong wa mosutele. Bokoa jo bo golo jwa motshotelo o mo tala mo karolong e e bulegileng ke gore karolo eno e ka se diriswe setlha se le sengwe, fela o nna le seabe mo boleng jwa mmu mme o diriswa mo boemong jwa monontsha.
Motshotelo o mo tala o dira ka go gaisa fa o simolola go thunya, mme mo logatong lono o neelana ka dipoelô di le di ntsi mo kumisong ya mmu. Mo sebakeng seno o a segaganngwa le go lemelelwa mo mmung. Fa o ka gaswa ka microbial inoculants pejana, o tlile go oketsa micro-score mo mmung mme o tokafatse dimelo tsa mmu tsa go bopa mmutele.
Mmutele o bopega ka tsamaiso e mo go yona ditswa-tshiding di kgaoganngwang mo dikarolwaneng tse di bonolo ka bacteria le microorganisms. Sere se se mmu se se fifetseng se le mafofora se a bopega. Sera seno se bitswa mmutele mme se na le dikotla tse di tlhokagalang mo kgolông ya sejalo. Mmutele o dira jaaka sepontšhe, mme ka jalo o thusa mmu go tshola bometsi le go bopa dikotla tsa sejalo. Kagego e e mafofora e thusa go thuba mebu e e bokete ya mmopa mme e tshwaraganya mebu e e motlhaba go nna mmu o o serokwa. Tshenyo ya metsi le kgogolego di fokotswa ke mmutele.

Translated by Nchema Rapoo