Motlhala wa Nama ya Podi mo Afrika Borwa

© Marinda Louw
Tatediso-motlhala ke bokgoni jwa go latedisa motlhala wa sejo kgotsa setswakwa sengwe le sengwe go isa morago kwa tlholegong ya sona. E tla sala morago tsela ya tlhagiso, phetolô le phasalatso go fitlha kwa marekelong. Tatediso-motlhala e botlhokwa fa go tliwa mo boitekanelong jwa setšhaba. Go kgona go sweetsa ka ga tlholego ya ditlhagiswa le ditswakwa go botlhokwa thata go thibela kamanô ya bolwetse bofe kana bofe jo bo ka tswang bo bakilwe ke setlhagiswa kgotsa setswakwa sa sejo.
Tatediso-motlhala ya phologolo e kaya go kgona go sala morago phologolo kgotsa motlhape wa diphologolo ka magato otlhe - go simolola ka tsalô mo kgaolong e e rileng goya go tlhabong le phetolông ya setoto.
Ditlhokegô tse di oketsang fa gae le boditšhabatšhaba tsa ditlhagiswa tsa diphologolo e lerile ditshono tse diša tsa go ntshetsa ditlhagiswa tsa diphologolo kwa ntle ga naga. Seno se rotloeditse dipuso le mekgatlho ya leruo mo dinageng di le di ntsi go ka beeletsa mo tlhabololông ya ditlamelô le ditsamaiso tsa dithulaganyo tsa tatediso-motlhala go latedisa diphologolo le ditlhagiswa tsa tsona.
Tatediso-motlhala ya diphologolo e bopa motheo wa dithulaganyo tsa taolô ya mantle mo tlhagisong ya dijo tse di tlholegileng gotswa mo diphologolong. Ka jalo, tatediso-motlhala ke kgokaganyô magareng ga phologolo le itekanelo ya motho, mmogo le kgokaganyô ya pabalesego ya dijo le boleng jwa dijo.

Tshupô ya Leruo mo Afrika Borwa

Mo Afrika Borwa, tiro e simolotswe go tlhoma National Livestock Identification and Traceability System (I-ITS SA) go gokaganya barui le diphologolo, lefelo le di leng mo go lona le go di kwadisa ka bongwe le bongwe, mmogo le go gatisa metsamao ya tsona mo database ya bogareng.
Le fa tsepamiso-tlhaloganyo ele mo dithulaganyong tsa thuo-podi ya kgwebo mmogo le mekgwa-tiriso ya thuo le tlhabô, barui-potlane ba ba santseng ba fatlhoga le bona ba akareditswe mo togamaanong ya ga jaana. Fela, dikgwetlho di le mmalwa di itemogetswe ke barui-potlana go akaretsa le tlhokego ya ditlamelô tsa IT.
I-ITS SA e ka thusa mo tshireletsong ya leruo la bosetšhaba ka ge e ka thusa mo thibelong ya malwetse le go ipaakanyetsa go runya ga malwetse, go netefatsa taolô ya ka bonako le kganetsô, mme ka fao go fokotsa ditshenyegelo tsa kgwebisano.
(Thentara ya go ikuela go motlamedi wa ditirelo go tlhoma I-ITS SA, e tswaletswe ka 22 Lwetse 2018.)

Translated by Nchema Rapoo