Mogaisanela-Ditlhopho wa ANC Nelson Mandela A Fana Ka Tumediso Ya Lebole ya Mokgatlho

© Dr Peter Magubane
Moêmêla-ditlhôphô wa ANC Nelson Mandela a dira tumediso ya lekoko ya lebole go tswa mo sejanageng se se bulegileng ka motsi wa go ingokela batlhôphi kwa kopanong ya Zion Christian Church.
A dikaganyeditswe ke basireletsi, Nelson Mandela o etetse phuthego ya bakereki kwa Zion Christian Church (ZCC) gaufi le Pietersburg (Polokwane) ka motsi wa lenaneo la gagwe la go ingokela batlhophi go sale gale ka bo1990. Ngwaga le ngwaga ka Paseka le ka Lwetse di-million tsa maloko a ZCC di etela dikantoro-kgolo tsa kereke kwa Zion City Moria gaufi le Polokwane kwa profenseng ya Limpopo. Kereke e tswakanya bodumedi jwa seKresete le ditumelo tsa seAfrika mme e rera molaetsa wa kagiso.
Go tshwantshitswe fano Mandela a fana ka tumediso ya kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele ya lebole le le tsholeditsweng. Tumediso eno e patwa ke kgoeletso 'Amandla' (maatla) e e fetolwang ka kgoeletso ya lefoko 'awethu' ('a rona').

“Fa o batla bodirammogo jwa batho ba ba go dikaganyeditseng, o tshwanetse go ba dira gore ba ikutlwe ba le botlhokwa, mme o dira seo ka go nna bonnete le boikobo.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more