Menontsha ya Botswatsheding le ya Bosatswetsheding, Motshotelo le Mosutele

Menontsha ya Botswatsheding

©Louise Brodie
Menontsha ya botswatsheding e dirilwe ka sere se se bodileng se se tlholegileng gotswa mo ditshiding tse di dirang motshotelo, mme e ka kopanngwa le mesutele e e farologaneng. Mokgwa-tsamaiso wa go bola o diragala ka tiragatso ya ditshidinnye mo mmung tse di dirang gore dikotla tse di leng mo sereng seno di kgone go monyelwa ke dijalo. Monontsha wa botswatsheding o tshelwa mo mmung ka seemo sa ona sa tlhagô, ka mokgwa wa pellet kgotsa ka ditlhaka. Menontsha ya botswatsheding e golola dikotla tsa yona ka iketlo mo mmung, mme ka jalo e tshwanetse go tshelwa sentle mo karolong ya sejalo pele dikotla di ka tlhokwa ke sejalo. Seno se tlile go thibela dipaka tsa tlhaelô ya dikotla go sejalo se se golang.

Motshotelo ke se se dirwang fa sere sa botswatsheding se kopanngwa mme se letlelelwa go bola.
Mosutele ke boloko jwa diphologolo tse di tshelang jo bo kgobakantsweng le go tshelwa mo mmung go rotloetsa tiragatso ya ditshidinnye.

Menontsha ya Bosatswetsheding

Menontsha ya bosatswetsheding kgotsa menontsha ya khemikhale ke kopanyo e e itiretsweng ya dielemente le ditukisi tsa fosele, tse di rulaganngwang le go tlhagiswa mo dilekanyetsong tse di kailweng tse di tlhokwang ke dijalo tse di farologaneng le maêmô. Monontsha wa khemikhale o diragatsa ka gangwe go feta monontsha wa botswatsheding, mme o tsewa ke sejalo fela fa o sena go tshelwa. O tshelwa gantsi mo sebopegong sa ditlhaka kgotsa ele seeledi. Tiriso e e fetang selekano ya khemikhale kgotsa monontsha wa bosatswetsheding fela e ka isa kwa go agegeng ga matswai le go fokotsega ga di-microbe mo mmung, mme seno se bake go gamoga ga mmu. Seno se baakanngwa ka go busetsa sere sa botswatsheding jaaka motshotelo kgotsa mosutele mo mmung, le ka go jala dijalo-khurumetsa tse di jaaka menawa, rye le korong, le go di lemelela gape mo mmung.
Dintlha
Go dirisa kopanyo ya mefuta e mebedi enô ya menontsha go na le dipoelô tsa gona, mme seno se dirisa bokgoni jwa mefuta ka bobedi le go fenya dikganedi kgotsa ditlamorago tse di sa siamang tsa mofuta ka bongwe. Monontsha wa botswatsheding o sireletsa le go boloka sebopego sa mmu sa tlhagô se se itekanetseng, mme monontsha wa bosatswetsheding o fana ka thebolo ya ka bonako e e tsepameng ya dikotla go sejalo.

Translated by Nchema Rapoo