Kwaba ke setlhare kgotsa setlhatshana, seo gantsi se melang ka bonya thata. Ka tlwaelo ditlhare tse di jetsweng di pomiwa go fitlhela bogolo ba 2 go ya go 3 m ka botelele, fela fa se ka bo se tlogetswe se sa pomiwa mefutafuta e mengwe e ka gola go fihla go 8 m. Ditlhare tse di ntsha maungo go tloga ka ngwaga wa bobedi wa go jalwa mme e ka tswela pele go ungwa mengwaga e e ka fitlhang go e 40.
Ditlhare di thunya ka dikgakologo fa dinotshe di leng badulafatsi ba bagolo go feta, tulafatso ka bo wena le yona e a direga. Ditlhare tse di butswitsweng tsa mefutafuta ka go utlwagala e lwantsha segagane mme se ka kgona go tshela themperetšha tse di kwa fatshe go fitlhela - 4°C fela dithempheretšha tse kwa fatshemo ntlheng ya boswa kgapetla go ka direga gore e di bolaye kgotsa tshenyo e e sa siamang mo ditlhareng tse dinnye. Go fisa thata ka nako ya go thunya le boemo ba go uma bo ka nna kotsi mo sejalong.
Maungo a kwaba ke a sediko kgotsa bolee, go ya ka mofutafuta wa leungo, gantsi 6 go ya go 12 mm ka molagare. Leungo le na le letlalo le le jewang, ka tlwaelo e leng le le makgwakgwa. Jaaka fa leungo le butswa, letlalo le tla fetola mmala go tloga go o motala go ya go o o botala-boserolwane kgotsa mmala o o bopinki-boserolwane.
Diteng tsa leungo di ka nna boteng ba bopinki (dikwaba tse di khibidu) kgotsa bosweu ba go mouta (dikwaba tse tshweu) le setšhohlo sa leungo se na le peu e nnye. Palo le bogolo ba peu di farologane go ya ka mefutafuta. Leungo la kwaba le na le monkgo o o kgethegileng, o o maatla, wa bomaseke.
Dikwaba ke motswedi o o siameng wa dibithamini A, B le C le tshipi. Di na le diteng tse di kwa godimo thata, 257% tsa Boleng ba Letsatsi le Letsatsi, ba bithamine ya C, eo e leng e e kwa godimo go feta ya phopho le mungo a senamone. Diteng tsa bithamini ya C e nna e le e e sa fetogeng ka go makatsa fa le le mo kaneng kgotsa le omisitswe. Dikwaba tse di feletseng ke motswedi o o siuameng wa B-karotene le tshipi le motswedi wa bontlhanngwe ba kalasiamo le potasiamo. Gape ke motswedi o o siameng wa mofuta wa tlhale ya dijo le tekanetso ya maemo a esiti ya foliki.
Indasteri ya kwaba ya Aforika Borwa e theilwe mo godimo ga sejalo sa tikologo e e bitswang Fan Retief, e e reilweng ka mothei wa indasteri e. Mofuta o o na le diteng tse di bonalang sentle tse di pinki ba salmone, mme e e tswang dikwabeng tsa setlogo, e e tlisitsweng kwa Kapa go tswa kwa Madeira, ke bafaladi ba Dutch ka ngwagakgolo wa bosupa. Mofuta wa diteng tse dipinki tsa Fan Retief o tseya maikarabelo a 90% ya jalo ya dijalo tsa kgwebo. Moriti wa salmon o mopinki o o rileng wa mofuta wa kwaba ya Fa Retief ke ya theko e e isitsweng kwa godimo ke bantshakuno ba matute ba boditšhabatšhaba.
Ka ngwaga wa 1994, Agricultural Research Council (ARC) Institute for Tropical and Subtropical Crops (ITSC) e phatlaladitse mofuta wa TSG2 e e tokafaditsweng.
Mofuta o wa go lwantsha bolwetsi thata o na le peo e e mmalwanyana mme e kgolo thata go feta leungo la Fan Retief. Le fa go le jalo, e ne ya se fitlhele botumo kwa Kapa Bophirima, ka ntlha ya poelo e e kwa godimo ya dijalo ke mefutafuta ya setso ya Fan Retief.
Dikwaba di robiwa mo dikgweding tsa mariga mme mo Aforika Borwa, go roba go tsamaya go tloga ka Mopitlwe go ftlhela ka Lwetse kgotsa Diphalane.
Translated by Lawrence Ndou