Mefuta ya Matsopa a Dikgogo

© Chris Daly

Afrika Borwa e na le matsopa a a farologaneng, enngwe le nngwe e na le matla le makowa a yone. Go tlhopha letsopa le le siametseng kgwebo ya gagwe, rrapolase o tshwanetse go elatlhoko gore o tlile go rua dikgogo tse ka mofuta o feng, Mmaraka wa gagwe le gore batho ba batla go reka eng.

Diruiwa tsa kgwebo di siametse opereshene e e kwa godimo, fa tse di nang le madou bobedi (dual purpose) kgotsa tsa tlholego tsone di ka siamela free-range kgotsa ditiragatso tse dinnye.

Matsopa a Dikgogo tsa Bogwebi

Dikgogo tsa bogwebi di itebagantswe e le tota, enngwe e ka ruilwa mae fela fa enngwe e ka tlhokelwa nama ya yone. O ka se fitlhele e ruitswe maduo ka bobedi. Dikgogo tse di siametse diopereshene tsa maemo a a kwa godimo.

Tse di beelang mae (Commercial Layers) di rekiwa kwa ba ba diruang ga di na le dibeke dile 18. Bontsi ba matsopa a bogwebi a a leng teng malatsing ano a dirilwe ka motswako wa matsopa White Leghorn le New Hampshire a tswakantswe le madi a Amberlink, Hyline le Lohmann mono Afrika Borwa. Nonyane e le nngwe e ka beela mae a le 6-7 ka beke go simolola ka nako e e leng dibeke dile 18 go fitlhella dibeke dile 70 tsa botshelo jwa yone. Bagwebi ba kwa mafatsheng a mangwe ba ka tshwarella dikgogo tsa bone le fa di fetile dibeke dile 70.

E bile ba ka di atisa gore di tswelletse poweletso ya tiro (production cycle), mme bagwebi ba mae mo Afrika borwa bone ba ka direkisa fa di itlheletse nako eo ya mengwaga. Lebaka la seo ke gore, santlha, go ditshwarelela go feta nako e go ja madi a mantsi, sa bobedi, Afrika Borwa e na le mmaraka o o mogolo wa dikgogo tse diphelang (spent hens). Bagwebi ba dirisa madi a ba abonang ka go rekisa dikgogo tse di fitileng dibeke tse 70 go tlhatlhosa maduo a go ka reka dikgogo tse dintshwa.

Bontsi ba dikgogo tse di dirisetswang thekiso ya nama (Commercial Broiler), di dirilwe ka go tswakantsha madi a White plymouth le Idian Game, ka madi a Ross, Cobb, Hubbard, Arbor Acres le Hydro mono Afrika Borwa. Dikgogo tse, gantsi direkiwa e le ditsuenyana tsa letsatsi le le lengwe fela. Go nnile le dikgato tse dikgolo tsa Genetic Modification ya matsopa a mo dingwage tse di satswang go feta.

Fa go neng go ka tsaya sebaka sa nako ya malatsi ale 84 go godisa kgogo ya bokete jwa 3,25 kg ka di1950s, gompieno o ka bona kgogo ya bokete jo kwa morago ga malatsi a ka nna 33 kgotsa 35 ka selekano sa bonnye ba halfo ya dijo tse di neng di tlhokagala pele. Maano le botsamaisi jwa bogwebi ba go rua dikgogo bo thusa ka go tlhatlhosa maemo a maduo a mae le nama, mme a thusa le maemo le boleng ba dikgogo tse dibonwa malatsing ano.

Translated by Ikalafeng Maedi