Mebutla Mantlo/Manno

© Karoline Steenekamp

Dilo tse o Ditlhokang go Aga Hoko ee Siametseng Mebutla

Pele o ka reka mebutla go botlhokwa go tsaya ditshwetso ka ga bonno ba tsone – mofuta wa hoko, selekano le gore o tla e baya fa kae. O ka nna wa di reka kwa mmarakeng, fela o ka fitlhela di bitsa madi a mantsi; mme o ka somarela madi ga o ka ikagela tsone. Dilo tsa botlhokwa tsa dihoko ke tse:

Hoko e e bolokesegileng, e e tla sireletsa mebutla kgatlhanong le maemo a loapi le bolepi. Se se akaretsa go difa moriti kgatlhanong le mogote le marang a letsatsi, le marulelo aa tla thibelellang diphefo le dipula.

Hoko ya gago kwa bonnyeng e tshwanetswe ke go nna selekano sa 0.6 m² ya sebaka sa lefatshe ka semeto sa 0.5 m ka botelele. Mmutla o tshwanetswe ke go nna le bokgoni ba go tlola tlola ka fa gare ga yone ka kgololesego, mme a kgone go kanama mo go yone a phuthullogile mme a sa kgome matlhakore. Sa botlhokwa, o tshwanetswe ke go nna le bokgoni ba go nna ka maoto a gagwe mme a kgone go leba leba le tsamaisa dijo mo mpeng ya gagwe a sa nne le mathata tshilo (digestive problems). (Buisa dikwalo tsa Bophelo).

Hoko ee maleba e tshwantse go sireletsa mebutla kgatlhanong le phologolo tse di tla batlang go dija. Mebutla ke dijo tsa diphologolo dile dintsi jaaka dintjwa, dinoga, dikatse tsa naga, manong, merubisi le dinonyane tse dingwe tse di jang nama, jalo le jalo.

Mebutla e tshwanetswe ke go bona tshireletso kgatlhanong le mogote. Dithemphoritshara tse di kwa godimo ga 25℃ ke bothata, ka jalo go botlhokwa go dira bonnete ba gore dihoko tsa gago di ema mo lefelong la moriti o montsi kgotsa le le nang le phefo ee lekaneng. Serame ga se letshwenyo le legolo mogo bagolo mme bana bone ba tshwantse go sireletswa kgatlhanong le serame.

Ga o di bonetse hoko tsa waere ya terata (wire cages), go botlhokwa go difa lefelo le ba ka nnang mo go lone ka fa gare. Se se tla thusa maoto a tsone gore a ikhutse go ema mo terateng ka nako tsotlhe, bogolosetona go e naya sebaka sa go ka ikhutsa mme e sa tshelwe ke phefo aa maruru mo mpeng. Lefelo le la maikhutso le ka diriwa ka lepolanka (wooden plank), kgotsa khatebote (cardboard), kgotsa mmetse nyana (carpet). Nnetefatsa gore rest pad eo e nna ele phepa ka nako tsotlhe.

Translated by Ikalafeng Maedi