Matsopa a Dipodi tsa Selegae tsa Afrika Borwa

©Marinda Louw
Merafe e e fudugang gotswa kwa bogare jwa Afrika e fudugetse goya borwa e tshaba matsetse le malwetse a a tsholwang ke dikgofa, mme ba ne ba tla le motswako wa dipodi tsa ditsebe tse telele le tse di lepelelang.
Dipodi tseno di ne di kgona go tshela ka semela sefe kana sefe mme di ne tsa falola le go tsadisa mo maêmông a a makgwakgwa.
Ka go thibelela mo nageng ya sekgwa tsa mesu ya Kapa Botlhaba, thuo-podi e ne ya atlega. Fano barui ba selegae ba ne ba iponela dipodi tsa boboa jo bo khutshwane tsa ditsebe tse di lepelelang tse di “buletseng” thuo dipodi tsa Angora, dinku le dikgomo naga e e mebitlwa. Go ne go ratwa dipodi tse tshweu ka ge di ne di le bonolo go lemogwa, mme mo bogautshwaneng tsadisano le phôkô e e nonofileng ya mmala o o dikôlô e bakile podi ya ntlha ya Boer mo morakeng wa Kaalplaas gaufi le Cradock.
Thuo e e tseneletseng mo nageng ya tlhagô e ya kgonega kwa dikgaolong tse di kgolo tsa Afrika Borwa, mme gantsi go fa tlhogo mo lobakeng lwa kgwebo go kopanya mefuta e e fetang bongwe ya leruo jaaka go akaretsa dipodi mo leruong la moraka. Dipodi di na le bokgoni jo bo gaisang jwa tsweletsopele; seno se akaretsa kgwebisano ya thuo ya podi ya selegae le go tlhagisa ditlhagiswa tse di amanang le yona jaaka letlalo.

Podi ya Nguni Type (Mbuzi)

©IVG
Podi ya Nguni (Mbuzi) ke mofuta o o phuagantsweng go feta mefuta e mengwe e e itshupileng ya dipodi tsa selegae, mme gantsi e fitlhelwa kwa dikgaolong tsa Borwa jwa Afrika tsa tshologo ya dipula e e kwa godimo. Dipodi tsa Mbuzi di sebopego se se potlana goya go se se bogareng, mme dinamagadi di nnye mo go tsa tona. Sefatlhego se na le go nna bophaphathi kgotsa go le segôgôrôpô jaaka mateng a kgolokwe, le fa ditona dingwe di le nko ya Roman go se nene. Manaka le ditedu di teng mo bong ka bobedi.
Podi ya Mbuzi ke letsopa le le mebalabala, ga mefutafuta ya mebala e e tshwanang gotlhe le boboa jo bo khutshwane jo bo phatsimang. Dipodi dingwe di ka ntsha cashmere ka mariga a a maruru.

Podi ya Eastern Cape Xhosa

©IVG
Podi ya Eastern Cape Xhosa ke podi ya sebopego sa mesifa e e mo bogareng goya go e megolo. Sefatlhego se telejana mme se go le segôgôrôpô jaaka kgolokwe kwa ntle, ka ditsebe tse di lepeletseng. Bong ka bobedi bo na le dinaka, fela ditedu di mo go tsa tona mme eseng gantsi mo go tsa namagadi. Ditedu tsa tona ke tse kgolo.
Mefurafuta ele mentsi ya mebala e e tshwanang gotlhe jaaka bosweu, bontsho, borokwa le bohibidu-borokwa, mmala-futafuta (mebala ele mebedi kgotsa go feta), ka sebala mme segolo thata ka dikôlô, diphethene tse di malômô le tse di mmabole, le kopakopanyo ya mebala enô e ya direga. Bontsi jwa dipodi bo na le boboa jo bo khutshwane jo bo phatsimang, mme di na le go ntsha cashmere ka mariga a a maruru.

Podi ya Northern Cape Speckled

©Deon Vlok
Podi e e Speckled e tlholegile kwa Kapa Bokone e e omeletseng mme ene ya iswa ke barui ba basimolodi kwa Namibia kwa barui bangwe ba Namibia ba neng ba e tshola ka mokgwa wa tlholego. Speckled ke podi ya mesifa e e tsepameng, ya bogolo jo bo magareng goya go jo bo golo. E na le ditsebe tse kgolo tse di lepeletseng mme bong ka bobedi bo na le dinaka. Ditedu di teng mo go tsa tona, le mo dimanagading dingwe. Ditedu tsa tona di na le go nna tse kgolo.
Tlhogo le maoto tsa podi ya Speckled di ratile go nna le mmala o o tsepameng, ka kgabo e tshweu mo seribeng mo gare ga manaka. Mmele otlhe wa yona o mosweu, mme o apesitswe ke dikôlô tse khibidu, khibidu-borokwa kgotsa tse ntsho, ka mothalo o o fifetseng fa godimo ga mokwatla, le fa pele mo molaleng. Bontsi jwa dipodi tseno di na le boboa jo bo khutshwane jo bo phatsimang, mme di tlhoga cashmere ka mariga a a maruru.

Podi ya Kunene (Kaokoland)

©IVG
E tlwaetse bosa jo bo makgwakgwa jwa kgaolo ya Kunene kwa Namibia, podi enô letsopa le le agegileng bogolo le le sesane ka maoto a masesane le gantsi le fitlhelwang gaufi le batho ba ba Himba. Dipodi tseno ke batsamai ba ba manontlhotlho mme di ka tsamaya sekgala se se leele go batlana le metsi. Dipodi tseno di na le sefatlhego se se leele se le sesane, ka ditsebe tse kima tse di lepelelang, mme bong ka bobedi bo na le dinaka. Podi ya Kaokoland ke letsopa le le mebalabala (ka go tshwana le dikôlô), ka boboa jo bo khutshwane jo bo tlhamaletseng goya go jo bo leele jo bo kgweleaneng go se nene.

Translated by Nchema Rapoo