Matshwao a a mo Sekanông sa Setšhaba sa Afrika Borwa
Sekanô sa Setšhaba sa Afrika Borwa se se ntšhwa se bopilwe ka dikgolokwe di le pedi, tse di bitswang popegô-lee ya motheo le popegô-lee ya tlhatlhogo, fa tlase ke ditlhaloso tsa matshwao a a tlhophilweng a a thusang go bega kgang ya Afrika Borwa le tlhabô ya temokerasi go batho botlhe ba yona.
Popegô-lee ya Motheo
Moano - O kwadilwe ka puo ya Sesarwa ya batho ba /Xam, !ke e: /xarra //ke, e raya gore ‘Batho ba Mefutafuta ba Kopana’.
Mo bonosing, o supa kopano magareng ga dikakanyô tsa mongwe le ditiro tsa gagwe. Mo bommogong, o supa gore jaaka setšhaba re tshwanetse go kopana mmogo ka maikutlo a go nna le seabe le go ikgantsha ka setšhaba sa rona.
Dinaka tsa Tlou - Ditlou di itsagale ka go nna botlhale le maatla. Mo sekanông sa setšhaba, di supa gape tekanyetso le bosakhutleng.
Ditsebe tsa Korong - Korong e supa kungô. Mediso le kgolô ya korong di supa kgolô le tlhabololo ya setšhaba sa rona go fitlhelela bokgoni jo bo senang selekano. Gape e tsalana le phepô ya batho mme e supa letlôtlô la temôthuo gotswa mo mmung.
Thebe - E na le ditiro di le pedi mo sekanông sa setšhaba, e supa tshireletso ya semowa ya setšhaba sa rona mme gape e tshola dipopegô tsa batho ba ba emeletseng boitshupo jwa rona.
Dipopegô tsa Batho - Dipopegô tseno di tsewa gotswa mo ditshwantshong tsa botaki jwa mo majweng jwa Afrika Borwa jo bo tumileng go ralala lefatshe, tse di fitlhelwang mo letlapeng la Linton, le ga jaana le beilweng kwa Museum wa Afrika Borwa kwa Cape Town. Jaaka badudi ba lefatshe la rona ba kgale go gaisa ba ba itsagaleng, Basarwa, ke bopaki jwa botho le ngwao tsa rona jaaka MaAfrika-Borwa tse di tshwanang. Dipopegô tse di mo setshwantshong di bontshiwa ka tsela ya tumedisano, seno ke go supa kopano. Di supa gape tsela ya mongwe le mongwe go fetogela mo maikutlong a a kwa godimo a go nna karolo ya setšhaba mme ka katoloso, botho jo bo kopanetsweng.
Lerumo le Molamu - Tseno di supa matshwao a tshireletso le bolaodi, gape di supa maoto a a maatla a nonyane ya ramolongwana. Jaaka lerumo le molamu di rapame, di supa kagiso.
Popegô-lee ya Tlhatlhogo
Protea - E bontshwa jaaka sekanô go supa bontle jwa lefatshe la rona, mme sethunya se supa bokgoni jwa rona jaaka setšhaba mo go fitlheleleng Tsosoloso ya Afrika. E supa gape kgolo gotswa mo mmung le tlhokomelo gotswa kwa godimo, go supa kgokagano e e feletseng ya maatla. Mebala e e tumileng thata ya Afrika e reboletswe protea; botala, bogauta, bohibidu le bontsho.
Nonyane ya Ramolongwana - Mo Sekanông sa Setšhaba ramolongwana o bontshwa ole mo phofong, go supa kgolô le lobelo. Nonyane e e maatla, e maoto a yona, a a emeletsweng ke molamu le lerumo, a thusang mo tsomong ya yona ya dinoga, mme seno se supa tshireletso ya setšhaba kgatlhanong le manaba.
Nonyane ke motsamaisa-molaetsa wa legodimo, go supa fano motlotlegi wa selegodimo. Diphuka tse di kukilweng ke sekanô sa tlhatlhogo ya setšhaba sa rona, mme gape di fana ka tshireletso. Ramolongwana e tshwantshisitswe ka bogauta, go supa kamanô ya ona le letsatsi le Ramasedi.
Letsatsi le le Tlhabang - Letsatsi ke sekanô sa kgalalelo, magasigasi le maatla. Le supa kitso, boatlhodi jo bo siameng, bokgoni jwa go diragatsa, go kgona go šebisisa le tsholofetso ya tsalôseša. Ke motswedi wa matshelo otlhe, wa lesedi, mme le supa go nna seoposengwe ka gotlhelele ga batho.
Maphata otlhe a Sekanô sa Setšhaba a kopana go bopa popegô-lee ya fa tlase le ya fa godimo go bopa sesupo sa bosenabokhutlo. Go tloga ka dinaka goya go letsatsi le le tlhabang, popego e e bopilweng ke ya lee la cosmic le gotswang ramolongwana mo go lona. Ka bokao, seno se kaya tsalôseša ya mowa wa setshaba sa rona se se gaisang sa boganka sa Afrika Borwa.
Translated by
Nchema RapooMaAfrika-Borwa otlhe a tsere karolo mo ditherisanong tsa setšhaba go dira le go konosetsa tlhamô ya Matshwao a Bosetšhaba a rona a mantš...
moreMorago ga ditlhopho tsa temokerasi tsa ntlha ka 1994, Komišini ya Matshwao a Bosetšhaba e rwele maikarabelô a go botsa setšhaba sa Afrik...
more