Mandela le lelapa laga Benjamin Pogrund

© Eric Miller

Bopelonomi baga Mandela

Lelapa lame le iponetse bopelonomi baga Mandela. Ka Ferekgong wa 1968, ngwana wame wa mosimane, Gideon, o ne a keteka bar-mitzvah ya gagwe, moletlo wa baJuta fa mosimane a bona dingwaga dile some le boraro mme a letlellwa go nna monna. Ke ne ke eteste Mandela kwa kgolegelong ya Pollsmoor dibeke dile mmalwa tse difetileng mme ka molella ka moletlo oo.

O tshwanetse wabo a sokotse go bona pampiri ya boleng jo bo siameng mme a r kwalela lekwalo la go molakaletsa matlhogonolo Dingwaga dile nne tse di latetseng, ga Mandela a gololwa kwa kgolegelong, ka mo leletsa mogala ke le kwa London ko re neng re nna kwa teng.

Fa ke fetsa go mo amogela kwa kgololesegong ka neela Gideon mogala mme a simolola ka gore, “Dumela Rre Mandela!” — morago ga fao a utlwa lentswe la modumo oo kwa godimo mme are, “Ga ke utlwe sentle Rre Mandela, Aa ware ke go bitse Malome Nelson?” Seo se tlogetse Gideon a galalela mo sefatlhegong. Morago ga fao, Mandela a tswa matsogo go thusa ngwana wame wa mosetsana Jennifer.

O ne a mo letlela go tsamaya le ene ka difofane tsa dipresidente tsa baAfrika, ka 1991, fa a ne a etela kwa Bophirima ba Afrika ka lekgetlho la ntlha gaesale dingwaga dile someamararo. Pele o ne a ya kwa mafatsheeng ao a khukhuna go ya go batla thuso ya ANC, mme jaanong ene ele motlotlegi mme one a amogelwa ka diatla tse diphuthollogileng. O bile a tlhama documentary ka ga leeto leo, ‘The Last Mile: Mandela, Africa and Democracy’.

Karolo nngwe ya yone ene e mmontsha a le kwa Goree Island, gaufi le letshitshi a Dakar, kwa diketekete tsa baAfrika bane ba tsewa kwa teng go ba isa kwa mafatsheng a Amerika go ba dira malata. E ne ena le metsotso ee iketlileng kwa a neng a buwa ka ga botshelo jwa gagwe le ditsholofelo tsa gagwe ka go goroga ga democracy kwa Afrika Borwa.

Translated by Ikalafeng Maedi

Benjamin Pogrund's Favourite Mandela Story

Mogare ga dipolelo dile dintsi Mandela, se ke se ratang ke se ke se boleletsweng ke Jules Browde, mmuelli wa mosweu, o itsegeng thata wa kwa...more

History that Shaped Mandela by Benjamin Pogrund

Charisma ya ga Mandela ga enke e tlhagella mo dipuong tsa gagwe gantsi....more