Lion
Tau

© Peter Delaney

Leina

Tau [Panthera Leo]

Ponalo

Tau ya e tona e ka nna botelele ba 1.2m go fitlha kwa magetleng ka bokete ba 200kg. Tsedi namagadi tsona di dinnye mogo tse ditona ka bokete ba dikilograma di ka nna 130. Dimpa tsa tsona di kanna mmala oo ellang kwa bosweung ka tshwaelo ya go tshwana le mmala was santa. Di-rosettes le ditsubaba di ka bonwa mogo tse dinyenyane fa tsa basetsana tsona dika dibona mo matlaseng a tsone. Ke ditau ke ditonna fela tse dibonang meets e meleele ee elelang kwa matlhakoreng a difatlhego le kwa godimo ga ditlhogo tsa tsone. Mo do tse dingwe moetse o o ka nna wa mmala o montsho.

Dijo

Ditau di tsoma diphologolo tse dikgolwana tsa go tshwana le bo-Zebra [pitse e tilodi], di-wilderbeest, di-buffalo [Nare], di-gemsbok [Kukama] le di-giraffe [Thutlwa]. Diphologolo tse dinnyenyane tsone jaaka Impala, Steenbok le Porcupine [Noko] tsone dika tsewa feela ka kwelo. Tiro ya go tsoma mo nakong ele ntsi e tlogelwa go tse dinamaagadi, mme ditsoma ka setlhopha.

Tsalo

Ditau gadina selemo se sebeilweng sa go ima mme feela tsedi namagadi di na le go tsala ka dinako tsedi tsamaisanang. Morago ga nako ya malatsi ale 110 ya go ima eka tsala tawana ele esi go ya go dile nne. Ditawana di simolola go ja nama morago ga nako ya dibeke dile lesome. Tsa namagadi dianyisa ditawana tsa tsone le tsa ditau tse dingwe mo lesomong lobaka la dikgwedi dile thataro. Morago ga tsalo ditawana diaphitlhiwa lobaka le ka nna dibeke dile thataro pele gore ditlisiwe kwa crecheng ya lesomo. Tse dinyenyane dinna di ikantse tsamaiso ya lesomo go fitlhella dingwaga dile tharo.

Mekgwa

Lesomo le na le maloko a tse dinamagadi di ka nna 12 di amanang ga mmogo le bana ba tsona, le tse ditona tsa barena.. Tse ditonna di ka tlhama ditlhopha tse pedi, setlhopha sele sengwe se ka nna le ditau di ka nna thataro fa tsotlhe ka kakaretso ele tsone barena ba masomo etlhe. Legau la tau ke modumo oo gakgamatsang ebile go dumelwa gore ke modumo o gantsi o golaganywang le sekgwa sa Afrika. Kwa ga go karetla, ditau di ikitsise ka go tshwaya mafelo a tsone ka monkgo wa tsone, le ka diponagatsso tsa sefatlhego tsa tsone le seemo sa mmele ya tsone. Gantsi di bontsha bogale ba tsone ka go tlhagisa meno a tsone, go emisa ditsebe tsa tsone go bonagatsa bontsho ba ditsubaba tse dileng kafa morago ga ditsebe tsa tsone entse e setlagantsha mogatla way one.

Kwa di bonwang kwa teng

Sub-Saharan Africa ke botshabelo jwa bofelo ja diphologolo tse, fa Afrika Borwa e neelana ka tshono ee gaisa ya go ka bona ditau mo mannelong a tsone a tlhago.