Lenyalo mo Setšhabeng sa Batswana

Tsamaiso ya Nyalô

©Dr Peter Magubane

Ka setso monna o ne a tlhophelwa mosadi wa gagwe wa ntlha; fa ane a kgona go tshegetsa go feta mohumagadi ale esi, o ne a tlhopha ba bangwe ka boena. Mo ditlhopheng tsa kwa bogosing tse di nang le dithoto di le di ntsi, bahumagadi ba ba neng ba sikana le monna ba ne ba ratega. Ba ba neng ba ratwa e ne ele morwadi wa ga morwarraago mme-motsadi, morwadi wa ga kgaitsediaago rre-motsadi le morwadi wa ga morwarraago rre-motsadi. Nyalô ya ba babedi ba ba umakilweng morago e ne e kaya gore khumo ya monyadiwa e ne e sala mo lesakeng le le aroganngwang ke rre-motsadi le morwarraagwe. 

Manyalo gantsi ane a rulaganngwa ke ditlhopha tsa balosika, losika lwa monna lo di etile kwa pele. Tumalano-nyalô ya ngwana e kile yabe e tlwaelegileng, fela ga e sa tlhole e dirwa. Karolo e e botlhokwa thata ya tumalano-nyalô e ne ele phetiso ya magadi gotswa go lelapa la monyadi goya go la monyadiwa. Lenyalo le ne le amogelesega fela fa magadi a setse a duetswe. Seno se ne se supa phetisetso ya botshola-ngwana jwa mosadi (mme eseng go reka mosadi) goya go setlhopha sa lesika la ga monna. Ke fela morago ga fao mo bana ba a ba belegang e nnang karolo ya lesika la monna. Fa mosadi a reteletswe ke go belega ngwana, lesika la gagwe le tla tshwanela go tsenya mongwe wa bokgaitsediaagwe mo ditlhakong tsa gagwe, kgotsa ba romele kgaitsedi wa tlaleletso, kgotsa ba buse magadi. Magadi ane a akaretsa gantsi dikgomo, le fa Batswana bangwe (Bangwaketsi le Bakwena segologolo) ba ne ba akaretsa dinku.

Gompieno, fa magadi a fetisetswa, tuelo e e kopaneng ya madi le dikgomo e dumelanwa ke masika. Palo ya leruo e ne e sa bulelwa go ka ngangisanelwa fela e ne e swediwa ke batho ba kwa gaabo monyadi; lelapa la monyadiwa le ne le sena puo e kalo mo temeng eno ntle le go ipelaetsa fa ba dumela gore lesika la monyadi le ka kgona go ntsha go feta fao.

Tuelo gantsi e ne e lopiwa ka tuelo ele nngwe fa monyadiwa ane a ile go dula le monna wa gagwe. Diphologolo (ka palomaleka ka metlha) di ne di kgobakanngwa ke rraago monyadi yo a neng a kopa bomorwarragwe le bokgaitseagwe go tsenya seatla. O ne a solofela phologolo ele nngwe gotswa go malomeago monyadi, ka ge dikgomo tse di amogetsweng tsa kgaitsediagwe (mmaago monyadi) di dirisitswe go batla mosadi wa ene malome. Dikgomo di ne di romelwa kwa lelapeng la rraago monyadiwa, kwa di neng di tsholwa nakwana ke rraagwe.

Morago ga gore di ate, rraago monyadiwa o ne a di phasalatsa go balelapa la gagwe le la mmaago monyadiwa, botlhe bano ke ba ba neng ba tla kopiwa go tsenya seatla mo magading a morwarraago monyadiwa. Malomeago monyadiwa le abutiago monyadiwa yo mogolo ba ne ba na le lefoko le le kwa godingwana mabapi le dikgomo tsa magadi tse di amogetsweng. 

Lefufa

Fa monna ane a na le go feta mohumagadi ale esi, mohumagadi mongwe le mongwe o ne a tshwanelwa ke go nna le lelapa le eleng la gagwe - dintlo, masimo, dikgomo le didiriswa tsa fa gae tse di diriswang ke ene le bana ba gagwe. Fela, mosadi yo o rometsweng gore a tsene mo ditlhakong tsa mohumagadi yo a tlhokafetseng a sena ngwana, kgotsa gore a tsholele mohumagadi wa moopa bana, o ne a ya kwa lelapeng la mohumagadi yo a neng a tsena mo ditlhakong tsa gagwe. Ka loso lwa mohumagadi-golo, dilwana tsa lelapa la gagwe di ne di jewa boswa ke bana ba gagwe.

Bahumagadi ba monna yo o nyetseng lefufa gantsi ba ne ba latelana goya ka letlha la tumalano-nyalô mme eseng goya ka letlha la lenyalo, ntlha e e neng e dira gore go nne le dikgotlhang mabapi le maêmô a tatelano, segolobogolo fa morago ga loso lwa monna. Mohumagadi wa ntlha go tsena mo tumalano-nyalo e ne ele ene yo mogolo, mme morwa wa gagwe yo mogolo e ne ele ene mojaboswa wa seemo sa rraagwe le dithoto tse di sa rebolwang tsa rraagwe.

Le fa gole jalo dikgotlhang mabapi le tatelano-maêmô gantsi di ne di sela morago loso lwa monna yo a neng ale maatla ka ge barwa ba gagwe ba ntlha ba bahumagadi ba gagwe ba ne ba gaisanela tshwanelo ya go nna mojaboswa yo mogolo.

Fa mmuso wa tlhaolele o ne o neela dikgosi dithata tse di kgethegileng, baupolodi ba botlholegi ba ne ba iphitlhela ba tshwaregile mo gare ga dikgotlhang tse di jalo, mme le kwa kgotlatshekelo, jaaka banna ba ne ba gaisanela tshwanelo ya go tlhatlhama borraabona mo bogosing mme ba bitsa baupolodi ba botlholegi go tla go netefatsa boipelaetso jwa bona jwa gore ke barwa ba ntlha ba bahumagadi-golo. 

Translated by Nchema Rapoo