Lenyalo mo Setšhabeng sa BaTsonga

Thulaganyo ya Lenyalo

©Dr Peter Magubane

Mo setšhabeng sa setso sa Batsonga, go tlhopha molekane e ne e se selo se tlhamaletseng, jaaka thulaganyo e ne e latela melao e e rileng. Sa ntlha bontsale ba ne ba ka se kgone go nyala; go beeletsa ngwana go ne go sa dirwe, fela rre o ne a ka atlanegisa basetsana go morwae.

Mokopa lerato ka tlwelo one a ka romela mosadi palamonwana ya bojang kgotsa mmutlwa, go supa gore o ne a batla go mo nyala. Fa e ne e le gore maikutlo e ne a thuanywa, o ne a mo romela palamonwana ya bojang kgotsa mmutlwa, go netefatsa botsalano jwa bone.

Morago ga rragwe mosetsana a ne itsisitse go nna tetla ya semmuso ya kgolagano ya bona, rragwe mosimane o ne a mo romela la lelapoa la gagwe kgomo, e e tswetseng tumalano. Fa kgato e e fitlheletswe, go tla dirwa ditherisano tse di tswelelang ka bagolaganyi ba ba emetseng malapa.

Gompieno le go bala bogadi ka ntlha lelapa la ga mosadi e santse e le kgang e e botlhokwa. Lenyalo la Setsonga le feta le kgolagano magareng ga batho. Le nonotsha dikamano magareng ga malapa, le rwele ditshwanelo le ditlamego tse di gaisang loso lwa yo mongwe. Sekao, fa mosadi a ka swa pele ga go belega ngwana, kgotsa e nne mmopa, yo mongwe wa lelapa o a tlamelwa go belega bana.

Fa monna a tlhokafala, bamasika ba tshwanetse go tlamela motlholagadi wa gagwe; fa a sa ntse a kgona go belega bana nkgonne yo monnye a ka mo tsaya jaaka mosadi mme a belega bana ka ga ene, mo boemong morwarraagwe wa moswi.

Moletlo wa Setso

©Dr Peter Magubane

Moletlo wa setso o santse o dirwa ke Batsonga ba le bantsi. Fa mosetsana a tsamaya go tswa kwa lelapeng la kwa bona, setlhabelo se a dirwa, mme o tsaya khunologo ya lelapa la gagwe le mewa ya badimo ba bona semmuso. Se se latelwa ke 'go neelana’ ka monyadiwa kwa go ba lelapa la gagwe le lešwa. Morago ga moletlo wa lenyalo kwa motseng wa monyadi-monyadiwa muti (bonno), baratani ba tsewa ba nyetse semmuso.

Go ya ka setso monyadiwa o ne tshwanetse go latela melao ya boitshwaro e e beilweng sentle le botho ba gagwe mo legaeng la gagwe le le ntšhwa. Morago ga lenyalo la gagwe o ne a nna kwa motseng wa matsalaagwe muti, go thusa matsalaagwe ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi le go apaya dijo.

Matsalaagwe o ne a mo laela ka meetlo ya lelapa. O ne a na tshwanela ke go ikobela mefuta e e farologaneng ya melawana ya maitsholo a gagwe go rratsalagwe le bonkgonne. Ka tlwaelo o ne a fudugela mo motseng wa gagwe muti morago ga go belegwa ngwana wa gagwe wa ntlha, mme a tswelela go dirisa kgaolo ya boapelo ya matsaalagwe go fitlhela kgonne wa monna wa gagwe yo mmonye a nyala. Mosadi wa gagwe o ne a tla go nna le le matsalaagwe.

Fa mme o moša a se na go fudugela mo legaeng la gagwe mme a na le kgaolo ya gagwe ga go apaya, ena, monna wa gagwe le ngwana ba ne ba aga ngatana mo motseng (mut)i. Kwa tshimologong, ba ne ba nna kwa bonnong ba ga rraagwe monna, fela fa monna a na le basadi ba bangwe go tlhomiwa ga mkotse wa gagwe (muti) go ne go le botlhokwa.

Tiro ya ka gale e ne e le gore morwa a ka nna a aga gaufi le kgotsa go oketsa motse wa ga rraagwe (muti). Mo tsamaong ya nako se se feletse mo tlhatlhamano kgotsa losika le tlhame, jaaka losika lo lo loša la tlatseletswa mo mafelobonnong.

Dikamano tsa lelapa di ne di tiisetswa ka lenyalo, go tloga mo go manyalo a a latelang tlhopho e ne e supiwa go boausi ba bannye ba mosadi wa ntlha. Mosadi wa ntlha a ka gatelela gore a nne le basadi ba bangwe jaaka se se oketsa maemo a gagwe mo setšhabeng le go thusa go aroganya tiro ya muti fa gare ga basadi le bana ba bona.

Se se raya gore lelapa le le nnye le ne tlhamilwe go nna kgolagano ya ikonomi, le dirilwe ka malapa a a farologaneng, a mo go ona motho yo mongwe le yo mongwe o ne a na le maemo a a rileng le maikarabelo a go nna le seabe mo kamanong e e siameng.

Translated by Lawrence Ndou