Lefelo la Motswako la Mapungubwe
Toropo ya Ntlha ya Aforika Borwa
Ka 1250 Morago ga Loso lwa Kreste, Mapungubwe e ne e le kwa godimo ga maatla a yona. Batho ba ba ka nnang 5000 ba ne ba nna go dikaganyetsa lekgaba, mme se se tshwanela ke go nna toropo ya ntlha ya Borwa jwa Aforika.
Go ne go tlhomilwe bonno bo bongwe gape kgakajana go tswa mošate (e e botlhokwa thata e le Mmamagwa kwa Botswana), mme seno se kaya gore Mapungubwe gape e ne e le puso ya ntlha ka fa Borwa jwa Aforika.
Masaledi a Popo ya dinkgo a setso se se ikemetseng a Mapungubwe a fitlhetswe mo tikologong ya sekwere sa dikhilometara tse di 30 000, e ka nna bogolo jwa bogosi jwa ka Zulu ya kgale le Lesotho la gompieno.
Le tlaleletso ya maikarabelo a le tsamaiso e e oketsegileng go ka tswarwa, go bonala ge kgosi e ile ya boela morago go ya kwa pele kwa thoko. Ka nako ya 1250, dipota tsa letlapa ka tatelano le ditswalelo ka jalo di ile tsa agiwa mo setlhoeng go etleetsa poraefete ya ba bogosing.
Ka go itlosa go tswa mo bontsing, kgosi gape e itlositse go tswa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi jwa baagi. Mo ditsong tse dingwe, go ya ka setso bosiamisi e ne e le kitso ya ga kgosi, fela kwa Mapungubwe, dikgotlatshekelo di ne di beilwe mo leotong la lekgaba.
Kgosi e ne e ka fitlhelwe e tsamaya mo gareng ga malata, ka jalo morwarraagwe kgosi gongwe o ne a tsamaisa dikgotlatshekelo tseno mme a lekana bosiamisi mo boemong jwa taolo eo e neng e se na mosola eo e neng e tshela kwa godimodimo.
Kgosi ya Lekgaba
Mesima mo godimo ga lekgaba e ne e ntse e le e e tswelelang pele go tloga ka bo1930, mme jaanong go akanngwa gore go na le dikgato tsa tlhabololo ya lefelo la tswalelo ya bogosi. Kgosi ya Ntlha e ne e nna mo kokone bophirima jwa lekgaba, fa a motseletsele wa bodilo ba dintlo o supilwe. Tse di bonatswa ke diphatlha tse di sediko tse di neng di epilwe mo letlapeng go tshegetsa dikopantsho tsa dintlo tsa bojang. Go na le mesima e e tshekeletsa e mmalwa mo godimo ga lekgaba eo e neng e dirilwe ke dipota tsa ntlo ya bojang.
Huffman o tlhalosa thulaganyo ya lefelo la motswako ka mokgwa o o latelang: “Popego e le nngwe e e sa tlwaelegang e ne e na le dithulelo tse di sephara le dipeseletso tse pedi (tse di bidiwang ‘dithibelo’) mo matlhakoreng ka bobedi a bonno. Dithulelo di dikaganyeditse phaposi e nnye ya bodilo ba mmopa jo bo thata mme bo dirilwe sentle gore beipe ba mesima ba ntlha ba e biditse gore ‘samente’. Ntlo e nngwe ya go nna le masaledi a kgoro la legong le le šeleng a ntse go lebana le dipesetso.
Fa ditheo tseno di ne di latela paterone ya Zimbabwe, go raya gore ntlo ya bojang e e nang le kgoro e ne e le yona ya go robalela ya kgosi, mme fa ngaka ya kgosi e e kgethegileng e ne e dirisia ntlo e nnye ya bojang ya go nna le dipesetso tsa kwa ntle. Ko gongwe gaufi go ne go ka nna le phaposi ya bareetsi moo kgosi e neng e amogela baeng mo go rulagantsweng semmuso. La bofelo, morongwa wa kgosi o ne a tla bo a na le kantoro e e kwa pele koo a neng a ka kgona go amogela baeng lwa ntlha”.
Tora ya Kgosi ya Aefori
Ka nako ya 1250, le fa go ntse jalo, thulaganyo e e nnye e ne sa tlhole e tsewa e le ye e tshwanetseng ‘Kgosi ya bobedi’, le motse wa bogosi o ne wa suteletswa kwa bogareng jwa lekgaba. Dipota tsa letlapa, di eleditse kago e e kgolo ya Zimbabwe e Kgolo, di ne di agilwe go dira ntlo eno ya bogosi gore e tiie sentle, le go tsweletsa meetlo ya kgaogano ya kgosi.
Huffman, go latela paterone e e ntšhwa ya maemo a Zimbabwe e Kgolo, go raya gore kgosi e ne jaanong e ne e tlhaolwa ke motseletsele wa bagolaganyi; morongwa o mogolo yo o tla kopana le baeng mme a ba tsaya go ya go ngaka ya kgosi go bona fa ba ne ba na le maikaelelo a bosula bope. Fa ba ne ba letlelelwa ke ba pabalesego, boreetsi bo ne bo tla dumelelwa go abelana le kgosi, bao ka gongwe ba ne ba ntse mo letlhakoreng le lengwe la lelapa la kwa kgosing, le thibeletswe go tswa mo matlhong a bontsi ka lebota kgotsa sethibo.
Setlhopa se se nnye sa basireletsi (‘leitlho’ la kgosi), baopedi le ba tlotlomatsi le bona ba ka nna ba bo ne ba tshela mo lekgabeng – jaaka go supilwe ka masaledi a Boto ya Diphologolo ya Mancala, eo e betlilweng mo matlapeng. Mesima e supile gore a le mongwe kgotsa ba le babedi ba basadi bao e neng e le bona ba ba ratwang thata ba ne ba nna mo karolong ya kwa morago ya ntlo ya segosi, fa basadi ba bangwe ba ne ba phela kwa botlaseng jwa lekgaba. Lefelo la moetlo la dilo tse di boitshepo mme go nesa pula go akanngwa e le tlaleletso ya tora ya aefori ya kgosi.
Bodirelo le Kgwebo
Le gale, kwa ntle ga thulaganyo e ntšhwa ya motshetledi, ga se tse di ntsi tseo di fetogileng go tswa mo malatsing a K2. Batho ba ne ba sa ntse ba dirisa motswako wa boiphediso jwa bolemi (gongwe bo tshegeditswe ke metse e e gaufi le noka) le temothuo (go na le bosupi jwa dikgomo tsa tikologo tsa kwa gae, dinku, dipodi le dintšwa). Masaledi a dintlo tsa bojang tsa polokelo a bontsha gore ba ne ba boloka lebelebele, mabele le tlhale. Fela e ne e le lefelo la bodirelo le kgwebo eo Mapungubwe e neng e ntsha ga tshwene.
Translated by
Lawrence Ndou