Large-Spotted Genet
Genet Ya Mebala E Megolo

© Nigel Dennis

Leina

Genet ya mebala e megolo kgotsa Genet ya kwa Kapa [Genetta tigrina]

Popego

Genet ya mebala e megolo e botelele jwa dimilimetara tse di 210, mme phologotswana e e na le maoto a ma khutshwane. Mmele o o motelele o ka nna dimilimetara tse 460 le bokete jwa dikhilograma tse di 1.6. Mogatla o o montsho le botshwaana jwa bosetlha bo bo telele jwa dimilimetara tse di 400. Dinala di di khutshwane, ga di bogale, mme di tlhageletse ga nnye go e thusa go pagama. Ga go na pharologano ya bong e e leng mo pepeneneng.
Mela ya mebala e e borokwa jo bo seng phepa e aparetswe ke ditshekeletsa tse dintsho di ntse mo ditikolgong tsa kwa godimo. Ditshekeledi tse di ntsho di tlhakana kwa molaleng. Mpa ke e tshwaana. Di na le di mebala e mesweu go dikologa molomo, nkong le fa tlase ga matlho. Genet ya mebala e megolo e ka tlhakatlhakangwa le genet e nnye ya mabala, pharologano ke gore e tshweu mo mogatleng mme genet e nnye ya mabala e na le mabala a amantsho mo mogatleng. Pharologano e nngwe ke tsweletso ya mebala e mentsho mo go genet e nnye ya mabala kwa ntle ga mmala o o borokwa o o seng phepa.

Dijo

Bontsi ba dijo tsa yona bo tsenyeletsa le magotlo le tse dingwe tsa diaumisi tse di nnye jaaka ditshenekegi, mme dinonyane, dinoga le tse di tshelang kwa metsing le kwa ntle ke ditswasetlhabelo tse di seng botlhokwa go yona. Tse di senang marapo a mokwatla di dira fela karolo e e nnye ya dijo. Gape di fula maungo.

Pelegiso

Gantsi pelego e diragala ka nako ya dikgwedi tse di le mofuthu. Genet ya mebala e megolo e tsala bogareng tse di potlana tse ditharo morago ga nako ya go dusa e e ka nnang malatsi a a kana ka 70. Go bontsha gore tse di nnye di nna mo dintlhageng, mo godimo ga mmu, go fitlha di latlhiswa letsele.

Maitsholo a Yona

Se ke phologolo ya motshelanosi, di nna fela mo ditlhopheng ka nako ya go kopana ka bong. Di rata go nna mo go tletseng ditlhare le mo go tletseng metsi gona, bogolosegolo dikgwa le fa go tletseng ditlhare. Tse dingwe tsa dimela tse di kgotlaganeng tsa bonno jo bo leng gaufi thata le metsi di botlhokwa.

Di Fitlhelwa Kwa Kae?

Genet ya mebala e megolo ke e e tletseng mo Aforikaborwa go tswa mo Borwa le kwa Botlhaba, KwaZulu-Natal, Mpumalanga, Porofense ya Bokone le go atolosa mo dinageng tsa boagisani.

Mo Karolong Ya Dintlha

Dijo tsa tsona ke tse di itsegeng di le ka mefuta mme di itsege di ja bojang se se thus aka go sila dijo kwa mpeng le go ithusa ka go tlhatsa go tlosa botlhole jo bo ka bong di bo jele.