Kofi Annan kaga Nelson Mandela

Lekwalo la Mandela

©Eric Miller

Kofi Annan o dirisitse tshono ya gagwe ka moletlo, wa Fifth Nelson Mandela Lecture ka kgwedi ya phukwi e tlhola malatsi a 22 ka ngwaga wa 2007, ka go tlotlomatsa leina laga Mandela le botho ba gagwe ka go tlhalosa maikutlo a gagwe le a mosadi wa gagwe Nane a boitumelo go keteka letsatsi la gagwe la botsalo, kwa Johannesburg(ka 18 Phukwi) mme a ntse a tshegisa ka mantswe a gagwe. “Ke motlotlo that gore ke be kele fano go tla go buisa lecture ya ngwaga ono ya ga Mandela.

Pele ke simolola, I batla go tlhotlhomisa sengwe. Ke tlile go buisa lecture go tlotlomatsa Nelson Mandela. Ga ke a tla fano go tla go naya Nelson Mandela lecture. Seo nka se se leke.” Fa nka dira seo, ke nagana fa a ka ntheetsa ka bonolo le maitseo. Mme tlaya ke le bolelle se: ga go ope yo a ka bolellang Mandela gore a dire eng.

E seng ka letsatsi la gagwe la matsalo kgotsa ka letsatsi le lengwe le lengwe. E setse e ka nna dingwaga a tlogetse tiro ya gagwe, mme ga aa ka a tlogela le fa ele lerothodi le le esi la botlotlegi jwa gagwe. Mme ka lebaka le lengwe le ke sa le itseng, o rata go mpitsa ‘boss’. Dingwaga dile dintse ga ke mo leletsa mogala, O tla araba ka gore “My boss. Aa o tsogile, boss? Ke tla mmotsa kere, ‘Nka nna jaang boss ya gago? mme a arabe zka gore, ‘Secretary-General ya UN. Ke wena o busang lefatshe.

Fela jaaka a ne a itse, ga ke ise kebe ke buse lefatshe. Jaanong ga ke sa tlhole ke direla UN, mme o santse a tswelletse ka seo. Ke simolola go dumela fa a dira metlae ka nna. Mme fela, o ntse a le jalo go tswa kwa tshimologong. Lebaka ke monyenyo wa gagwe oo bitsang tlhwatlhwa. Nelson Mandela a ka nna monna yo bonolo, a tshegisa go ba feta mo lefatsheng lotlhe.

MMe ke yo mongwe wa ba ba nang le matla a magolo. Rotlhe re itse kaga bogale le matlhagatlhaga a gagwe a rea boneng nako yotlhe a ntse a le kwa kgolegelong dingwaga dile 27, mme ra mmona a ntsha afrika borwa mo diatleng tsa apartheid, tsela ee kgopo ee thata ya go bona kgololesego. Lefatshe le bone ka tsela e a dumelang mo kgololesegng, seriti sa motho, le toka ya mongwe le mongwe go diragatsa ditoro tsa botshelo jwa gagwe.

Mme mo ditirong tsa rona mmogo, ke nnile motlotlo go bona matlhagatlhaga a gagwe fa a ikemiseditse go bona sengwe. Ke mmone a le mo dipuisanong tse dibokete jaaka tsele tsa kwa Burundi, kwa a neng a leka go tsereganya magareng ga matlhakore aa neng a lwa go ka baya dibetsa tsa bone fa fatshe mme ba simolole go dira kagiso. Fa a ne a bona se seneng se diragala kwa lefelong leo, o ba reile are “Banna ke lona, lea ntshwabisa go nna moAfrika.” Ke katlholo e swabisang go tswa mogo mongwe yo a re dirang motlotlo go nna baAfrika.

O ka nna wa akanya fela matla a mafoko a tshwana le ao. Kgotsa o ka se kgone. E ne ele motsotso oo gakgamatsang thata.Ebile mafoko ao, a kgonne go bona dipeolo tse di kgatlhisang. Ka dintlha tse dingwe le melao e mengwe ya maitshwaro, Mandela ga a tshikinyege. Ga nako ya gagwe ya boPresidente e fela, jaaka lotlhe le itse, batho bale bantsi ba lekile go mo rotloetsa go nna mo setulong. Mme kwa bofelong one a ikaeletse go fologa setulo.

A sekao se sentle sa moetapele mo kontinenteng e bontsi ba diPresidente, ka dinako tse dingwe, ba ganang go fologa setulo, mme ba fetofetolaka melao ya setshaba mme ba nna mo setulong sebaka sa dingwaga tse dintsi.

Go na le baetapele bale bantsi ba pele, ba ba ithutileng go le gontsi go tswa mo ditirong tsaga Mandela morago ga paka ya puso ya gagwe: ebong, serala sa kwa magareng ga se lefelo lele esi kwa motho a ka neelanang ka bokgoni jwa gagwe.

Translated by Ikalafeng Maedi

Mobišopomogolo Desmond Tutu Tiro ya Morago ga Tlhaolele

Le fa morago ga gore tlhaolele e fedisiwe, Mobišopomogolo Desmond Tutu o ne a itse gore tiro ya gagwe e ne e le kgakala le go fela....more

Mandela's Think Tank

Kofi Annan o tlhalositse ka ga setlhopha se se ikgethegileng se se kopantshitsweng ke Nelson Mandela kwa Johannesburg ka ngwaga wa 2007, go ...more