Go Kgweetsa go Kgabaganya Kgolokwe ya kwa Vredefort

© Jacques Marais

Go Kgweetsa go Kgabaganya Kgolokwe ya kwa Vredefort

Tsela ya kgoro ya go ya kwa Kgolokweng ya kwa Vredefort ke Parys, toropo e e gogelang ya maikhutso e e agilweng go bapa le lebopo la kwa borwa la Lekwa. Go fitlhelela Parys go tswa kwa Johannesburg, tsaya N1 Borwa, o ntse o latelela matshwao a go ya kwa Bloemfontein. Morago ga go feta Grasmere Plaza e e Duwelelwang, tikolog e e thata ya ditoropo ka boleta e fetogela mo ditirong tse di ikadileng tsa temothuo. Mo 80 km go tswa kwa Johannesburg, o tla kgabaganya leborogo le le telele mo godimo ga Noka ya Lekwa mo Foreisetata. Morago ga 10 km e nngwe (e e ka nnang 90 km go tswa kwa Johannesburg), tsaya tsela ya go tswa e e tshwailweng ‘R59 Parys/Sasolburg’, fela fa pele ga Kroonvaal Plaza e e Duwelelwang. Fapogela ka fa mojeng kwa godimo ga motlhatlogo o o tswang mo tselafefong mme o kgweetse 20 kms go fitlhela fa o fitlha kwa Parys.
Sekgala se se khutshwane go tsena ka fa toropong, mo tseleng e kgolwane ya Parys (Mmila wa Loop) o fitlha mo letshwaong la go emisa mme e fapogele go ya ka fa mojeng (Mmila wa Water) mme morago ka fa molemeng (Mmila wa Breë). Latela leeto la ntšwa go ya ka fa mogorogorong wa bojanala o mogolo, Mmila wa Breë; mmila o mogolo o o tladitsweng ka diresetšhurente, mabenkele a dilo tsa bogologolo, dipontsho tsa botaki le mabenkele, di neelana ka diura tse di tse di itumedisang tsa go lebelelwa.
Fa o feditse, tswelela go ya tlase Mmileng wa Breë go fitlha o bona ya ntlha (mme e le nosi) lebone la pharakano kwa Parys. Go tswa fa o ka nna wa tswelela ka tlhamalalo go fitlhelela toropo e nnye ya Vredefort (15 km). Go seng jalo, o ka nna wa fapogela go ya kwa mojeng, mme o kgabaganye borogo bo bo kgatlhisang kwa godimo ga Lekwa, mme o tsenelele go ya kwa Potchefstroom ka R53 (e e ka nnang 50 km). Thaba ya Kgolokwe ya Vredefort e bonala sentle, e tlhagelela kwa godimo mo lebopong la bokone jwa Lekwa, mme e ka bonwa go tswa mo go nngwe kgotsa nngwe ya ditsela tsa sekontiri tse pedi tse.
Ditsela tsa motlhaba tse di tsamayang manyoke go kgabaganya Naga ya Thaba Lekgolokwe e neela bakgwetsi ditsela le ditlhopho tse di farologaneng. Tebelego ke e e kgatlhang le mowa ke wa kagiso e bile wa kwa magaeng. Ela tlhoko, le gale, gore ditsela tse di latelang go ralala melapo di ka nna makgwakgwa thata. Go kgora go diriwa ka go sa rulaganywe mme dibata dingwe di gogoregile go le maswe. Tota ga o tlhoke 4x4, mme koloi e e nang le go sekegiwa go go siameng le tila e eleditswe. Bona mmapa wa kgaolo go tswa mo go nngwe ya dikantoro tsa bojanala kwa toropong go efoga go latlhega go feta.

Leeto la Tsela le le Tsitsinngwang go tswa kwa Parys go ya kwa Kgolokweng ya Vredefort

Kwa leboneng la pharakano mo Mmileng wa Breë, fapogela kwa mojeng go tsena mo R53 go ya kwa Potch. Mo letlhakoreng le le kwa kagakala la borogo, o tla bona Lebenkele la Kakaretso la Jalapo. Lefelo le la kgwebo le ntse le direla Parys go tloga ka bo1920 mme le sa ntse le na le dibopego tse dintsi tsa tshimologo ya lona. Se beilwe mo letlhakoreng le le sa siamang la noka ka gonne MaIntia a ne a sa letlelelwang go nna beng ba mabenkele kwa Foreisetata.
Morago ga 2 km, o tla mo makgabaganyong le R500 go ya kwa Fochville. Fapogela ka fa molemeng mme o tswele pele mo R53 e e lebileng kwa Potch.
10 km go tswa kwa Parys, fapogela ka fa molemeng mo letshwaong la Venterskroon. Tsela jaanong e nna botlhaba jaaka fa go tswelela go ya mo karolong ya mokgatsha o o nonneng bogareng jwa mebotwana e mebedi ya Kgolokwe ya kwa Vredefort.
Morago ga dikhilometara di le mmalwa, o fitlha mo borogong bo bo sesane mo godimo ga molapo o o montle. Go na le fapogelo go ya ka fa molemeng e e tshwailweng ‘Koppieskraal’. Se ke se tlhabanyetso ya go boela kwa Parys ka dipono tse dintle.
Fa o ntse o tlhamaletse go isa kwa Venterskroon, tsela e isa go bapa le mokoma wa letlapa o o gakgamatsang o o menotsweng go leba kwa godimo. Maatla a mogolo a a dirang kwa Lekgolokweng la kwa Vredefort a simolola go nna mo pepeneneng. Emisa kwa polasegn ya barng ya Thabela Thabeng ka go tebelelo ya ka bonako ya pontsho ya thutatlapa.
15 km go tswa kwa tseleng ya sekontiri, o goroga kwa Venterskroon. Motse wa bogologolo wa tsa moepo o bonala o siame le dikago tse dintšhwa tse di mmalwa (go akaretsa le lebenkele la kofi le lefelo la tshedimosetso) le emela baeng.
Fa o feditse, tsela e tswela pele go kgabaganya Venterskroon le tselana e e tswelelang e nnye. Se se go tlisa kwa ntle mo polaseng ya Leeufontein, nngwe ya tsa bogologolo go gaisa kwa Teransefala.
Morago g6a foo o tla fitlha mo kgabaganyong ya ditsela. Fapogela ka fa molemeng. Morago ga sekgala se se khutswane, o tla fitlha mo marakanelong a T le tsela ya Schoemansdrift-Potch. Fapogela go ya ka fa molemeng go ya kwa Schoemansdrift.
Dipolaseng tse di nang le lenaga la mmoto jaaka o tswelela go kgabaganya lekgolokwe, go ya kwa tlase go leba kwa Nokeng ya Lekwa.
Morago ga dikhilometara di le mmalwa, go na le makgabaganyo le tsela ya Skandinawiëdrift. Nna ka fa molemeng go ya kwa Schoemansdrift.
Schoemansdrift ke tselana e telele ka kwa Nokeng ya Lekwa. Sebopego ke se se ntle thata, mme leborogo ke lefelo le le rategang la batheya ditlhapi bangwe ba selegae.
Mo letlhakoreng le lengwe la Lekwa, tsela e itaa marakanelo a tsela a T. Fapogela ka fa molemeng mme o tsamae ka manyoke ka tsela ya gago mo mabopong a noka.
Go na le mafaratlhatlha a ditsela a a tsietsang go kgabaganya karolo e ya Kgolokwe ya Vredefort, ka jalo bonna mmapa go tswa mo kantorong e nngwe ya tshedimosetso pele o tswela pele. Go thata go latlhega thata, le fa go le jalo, ka ntlha ya ditselal tsotlhe kwa bofelong di isa kwa tseleng ya sekontiri e e golaganyang Vredefort le Parys (R59).
Fa o fitlha kwa R59, fapogela ka fa molemeng go ya kwa Vredefort kgotsa o fapogele ka fa mojeng go boela kwa Parys. Maeto a go dikologa ga a tshwanela go feta 100 km mme fela ga o batle go ya ka lepotlapotla, ka jalo dira gore o simolole phakela.

Tsela e Nngwe e e yang kwa Vredefort go tswa kwa Potchefstroom

Tsela e nngwe gape ya go fitlha kwa Nageng ya Thaba ya Kgolokwe ya Vredefort ke go tswa kwa Potchefstroom. Go fitlhelela toropo e nnye e e tlhanaselang, tsaya N1 borwa go ya kwa Bloemfontein. Morago ga dikhilometara tse di ka nnang 20, go na le go kgaoganngwa magareng ga N1 le N12 (e e tshwailweng ka Potch le Kimberley). Tsaya N12 mme o lebe go kgabaganya mekokoma e e tlhagelelang ya meboto mo dikhilometareng tse di 100. Mo tseleng, o tla feta Moepo wa Mponeng, o o leng boteng go gaisa yotlhe mo lefatsheng. Pele fela fa o fitlha kwa Potch, latela matshwao go ya kwa R53 go ya kwa Parys. Seno se tla go tlisa ka fa Nageng ya Thaba ya Kgolokwe ya kwa go tsweng bokone.
Ka kelo tlhoko ya bofelo, fa o boela kwa Joburg, ditsela di ka tsietsa go se nene. Jaaka fa o le gaufi le toropokgolo, o tla bona letshwao la N1. E e tla go tsaya mo ka di bapileng le tselafefo (go le gontsi ka nepagalo e e itsege jaaka Modikolosa wa Bophirima) go kgabaganya Roodepoort go ya Pretoria. Fa o batla go pagama mo M1, e e lebileng kwa Metsetoropong ya kwa Bokone go ya kwa Sandton, latela matshwao a N12 go ya Witbank mme o tsaye bontlhanngwe jwa tsela e e rakanang le tse dingwe e e tshwailweng ‘M1 Bokone’. Tshupetso e e tokafaditsweng e ka thuso motsamao o o matswakabele o o monnye, seo se ntshwarang nako nngwe le nngwe.

Translated by Lawrence Ndou