Go Kgobokanya Metsi a Pula go tswa Marulelong

Go kgobokanya metsi kgotsa ‘puno ya metsi a pula’ go tswa marulelong ka ntlha ya mo ntlong le serapa o diriswa ka bophara go kgabaganya Aforika Borwa – kwa mafelong a dinagamagaeng e bile o oketsega thata kwa ditoropokgolong. Se se raa gore nako e nngwe le e nngwe fa pula e na, metsi a kgobokanywa ka ntlha ya go dirisiwa mo nakong ya dikomelelo.

Go kgobokanya metsi a pula go fokotsa go ikaega mo kabong ya metsi ya masepala le matamo a go boloka metsi. Gape go thusa go boloka metsi, go fokotsa merwalela le kgogolego ya mmu mme e tla fokotsa theko ya metsi. Godimo ga moo, metsi a pula a phepa e bile ga a tlala dibolayasenyi le dikhemikhale.

Go Kgobokanywa Metsi a Pula Jang?

Metsi a pula a ka kgobokanywa go tswa moagong ofe kgotsa ofe o o nang le marulelo - ntlo, ditale, mafelo a go emisa dijanaga bj.bj. Tanka kgotsa letamo le a tlhokega go boloka metsi le meedi ya marulelo kgotsa dipeipi di a tlhokega go lebisa metsi go tswa marulelong go ya kwa gare ga tanka.

Ditanka di ka tsamaya go tswa matamong a magolo a ditena go ya go difaki le dibakete tsa polastiki. Marulelo a magolwane, tanka e kgolwane e e tla tlhokegang.

Dipeipi tsa metsi tše maleba ke tsa go lwesa UV tse di jaaka ISI HDPE le dipeipi tsa PVC. Dielelaleswe mo mafelelong a meedi ya marulelo di tshwanetse go tsenngwa ka letloa la mathale go thibela matlakala le dilo tse dingwe tse di gogoletsweng kwa gare ga tanka.

Go atlanegisitswe go dirisa faposa ya tshwamathe ya ntlha. Se ke sedirisiwa sa go faposa bontsi ba ntlha ba metsi a pula le maswe otlhe go tswa marulelong go tsenela mo ditankeng. Metsi a ntlha ao a tswang mo marulelong morago ga dipula a ka nna a leswe ka ruse, lerole, dithorwana tsa dinonyana le dikhemikhale. Faposo ya tshwamathe ya ntlha e e tla tokafatsang boleng ba metsi a go nwa, go fokotsa go rusa ga dipeipi le go fokotsa seretse le le agelang mo gare ga ditanka. Le kaelo ya kakaretso ka tshwamathe ya ntlha e tshwanetse go tlosa dilitara tse ka bang 40 tsa metsi ka 100 m 2 mo lefelong la kgoboketso ya metsi. Kwa mafelong a lerole kgotsa mo mafelong a ditoropong le leswefatso ya moa, sediriswa se segolo sa tshwamathe ya ntlha e ka tlhokega.

Tlhokomelo ya Meago ya go Buna Metsi a Pula

©JoJo Tanks

Meedi ya marulelo le marulelo di tshwanetse go tlhatlhobiwa ka metlha le go bewa e le phepa le go se nne le lerole, matlakala, dithorwana tsa diphologolo le dinonyana, diphologolo tse di suleng, ditshenekegi le dikhemikhale. Fa marulelo a le phepa le medi ya marulelo, go tla nna le metsi a a phepa.

Phepafatsa ditlhotlhi dife kgotsa dife tse di tlhomilweng mo pipeipeng kgotsa mo gare ga tanka. Lekola tanka ya gago ka ntlha ya seretse mengwaga e mengwe le e mengwe e mebedi go isa go e meraro. E tlose ka go e ntsha kgotsa go kgothola tanka ya gago ka botlalo. Kagelo ya seretse ke sesupo sa gore marulelo le meedi ya marulelo di maswe. Tlosa kagelo ya leswe le le kgobokantseng mo godimo ga tanka.

Translated by Lawrence Ndou