Ke Ikwadisa Jang Go Nna Molemi wa Ditswa-Tsheding?

© Afrisco

South African Organic Sector Organisation (SAOSO) ke bookamedi jo ka fa tlase ga bona PGS‐SA le Afrisco di ka thusang batlhagisi go ka kaiwa semmuso jaaka batlhagisi ba botswa-tsheding. Katlaganiso le phasalatso ya Melawana-taolô ya SAOSO di tlhagotse tsela ya go tlhongwa ga Afrisco. Kwa tshimologong, Afrisco e tlile go dira ka fa tlase ga bookamedi jwa SAOSO, tse ka tirisano-mmogo le PGS‐SA, di tlileng go tlhama motheo wa boikanyego jwa ditlhagiswa tse di reboletsweng setifikeite.
Go na le ditsamaiso di le tharo tse di farologaneng tse ka tsona boikanyego – jwa gore ditlhagiswa di tota ele tsa botswa-tsheding – bo dirwang magareng ga motlhagisi le moreki.

1st Party: Tebano-Matlhong kgotsa Ipuelelo

Motlhagisi le moreki ba na le dikamano-maikutlo tse di agilweng ka botsalano, ka go bolelelwa ke bangwe le ka maitemogelo a a namatsang. Moreki o duela tlhwatlhwa e e kopiwang ka ntlha ya boikanyego jono jwa sebele. Tlhwatlhwa ya nako le matsapa e e tlhokagalang go tlhoma boikanyego jono e ka nna e kgolo go motlhagisi le moreki.
“Ipuelelo” ke fa motlhagisi a dira maitlamo a a senang motheo ka ga botswa-tshiding jwa setlhagiswa, gantsi ka go dirisa lefoko “organic” mo boithupo-kwalong jwa setlhagiswa. Moreki yo a sa lemogeng o baya tshepo ya gagwe mo setlhagisweng mme o rwala maikarebelo a a kotsi a go reka setlhagiswa sa maemo-tlase se se tswileng maitseo.

2nd Party: Participatory Guarantee Systems (PGS)

International Federation of Organic Agricultural Movements (IFOAM) e tsentse-tirisong Participatory Guarantee Systems (PGS) jaaka thulaganyo e e amogelesegang ya boitlhatlhobo-senkane. Setifikeite sa PGS se maleba go borekisi jwa kgokagano-potlana – sekai, mo batlhagisi ba tlileng go isa ditlhagiswa tsa bona kwa mebarakeng ya balemi. Ka PGS batlhagisi ba neelana ka netefaletso ya semmuso gore ditlhagiswa tsa bona di tlhagisitswe goya ka melawana-taolô e e amogelesegang ya botswa-tsheding. Mo Afrika Borwa re dirisa lereo ‘PGS Endorsed'.
PGS's di ikaega ka maitsapo a setlhopha. Ka tlwaelô, di akaretsa setlhopha sa batlhagisi, badirisi le balaodi ba mmaraka, golo gongwe ba thuswa ke moitseanape wa tsa temôthuo ya botswa-tshiding. Setlhopha seno se golaganya melawana-tiriso ya sona le melawana-tiriso e e amogelwang boditšhabatšhaba. Mo Afrika Borwa melawana-tiriso eno ke melawana-tiriso ya SAOSO, leloko la Lolapa lwa Melawana-Tiriso lwa IFOAM mme ka jalo e lemogwa boditšhabatšhaba.
Setlhopha gape se dira ditokomane tsa botlhatlhobi le tsa kgatiso. Maloko a setlhopha (a tota eleng bankane-mmogo) a etela batlhagisi ka mokgwa wa tikoloso go dira ditlhatlhobo tsa ngwaga le ngwaga. Diphitlhelelo tsa ditlhatlhobo di a gatiswa le go begelwa motlhagisi. Tsona di akaretsa “ditlolô-molao” dingwe le dingwe. Morago ga go rarabolola ditlolô-molao, motlhagisi jaanong o letlelelwa go dirisa letshwao la PGS mme a ka rekisa ditlhagiswa tsa gagwe kwa mebarakeng e e maleba.
PGS‐SA (Participatory Guarantee Systems – South Africa) ke bothati jwa bosetšhaba jo bo okametseng di-PGS' mo Afrika Borwa.

Setifikeite sa 3rd Party: AFRISCO

Setifikeite sa third-party sa balemi ba botswa-tsheding ba isago se rebolwa ke bothati jo bo abelang setifikeite. Tlhopho eno e siametse mebaraka ya kgokagano ya boleng-godimo (sekai, fa o reboletse mabenkele ditlhagiswa tsa botswa-tsheding tse di phetotsweng) kgotsa batlhagisi ba mo go bona PGS e seng tlhopho. Setifikeite sa third-party ke tsamaiso ya semmuso e e akaretsang nêêlanô ya ditokomane le tshekatsheko ya lefelo. Setifikeite se rebolwa morago ga go konosetsa tsamaiso eno ka katlego.
Jaanong, ke lemogwa jang semmuso jaaka molemi wa botswa-tsheding?
Tlhopho ya PGS:
A go na le PGS e e direlang mo kgaolong ya gago? Ga go le jalo, nna leloko.
Ga gose jalo, a go na le batlhagisi ba bangwe le mmaraka wa balemi fa gaufi.
Tlhopho ya Afrisco:
Fa ka lebaka lengwe tlhopho ya PGS e sa go tshwanela, kgotsa o eletsa go fitlhelela mebaraka ya selegae ya kgokagano e e jaaka mabenkele, dira kopo-semmuso go Afrisco.
Afrisco ka tirisano-mmogo le SAOSO le PGS‐SA e tlile go netefatsa tswelelopele ya tlhagô gotswa go bolelokong jwa PGS goya go phitlhelelong ya setifikeite sa Afrisco go batlhagisi ba ba.
Ditlhopha tsa balemi-potlana ba ka bopa “Setlhopha sa Balemi” mme ba kope Afrisco semmuso go rebolelwa “Setifikeite sa Setlhopha”.
Batlhagisi ba ka kopa setifikeite sa Afrisco semmuso ka bonosi.

Translated by Nchema Rapoo